Breaking News

Ba kopiwa go duelela ditsha

19 Nov 2019

Modulasetilo wa lekgotla le le botlana la kabo ditsha la Molepolole, Rre Edson Phuthe o boletse fa le tshwentswe ke batho ba ba sa dueleleng ditsha tsa bone tsa kgwebo.

Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Molepolole ka Mosupologo, Rre Phuthe o ne a gakolola gape fa ditsha tsa kgwebo di duelelwa ngwaga le ngwaga, mme a bua fa beng ba tsone ba ntse moriti o tsididi.

Modulasetilo o ne a tlhalosa fa bangwe ba sa tlhabolole ditsha tsa bone mo lebakeng le le beilweng, a re seo ke tlolo molao le boferefere ka batho bangwe ba rekisa ditsha tse di sa tlhabololwang.

Rre Phuthe o ne go na le ba e reng ba sena go rekisa ditsha, ba ye go batla meriti ya ditlankana tsa bone kwa lekgotleng la kabo ditsha, a re go dira jalo ke boferefere mme batho ba go nna jalo ba tlaa tseelwa dikgato.

O ne a re o tshwentswe ke batho ba ba ikokeletsang ditsha, a re go dira jalo ga go ka fa molaong, e bile go kgoreletsa mealo ya metsi le motlakase.

E rile ba mo kgwa dikgaba, banni ba ne ba re ba nna lobaka ba sa bone ditsha, selo se Rre Phuthe a tlhalositseng fa le bone se ba tshwenya, mme ga ba na madi a phimolo keledi ya go amoga batho masimo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Molepolole

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 Nov 2019