Breaking News

Mapodisi a Kazungula a tlhotlhomisa polao

17 Nov 2019

Mapodisi a Kazungula a tshegeditse mosadi wa dingwaga tse di masome mararo le boferabobedi morago ga gore moratiwa wa gagwe a fitlhelwe a rapaletse mo gare ga mojako wa ntlo ya bone beke e e fetileng.

Go ya ka mothusa mookamela mapodisi a Kazungula Assistant Superintendent Joseph Lepodisi, mapodisi ba ne ba amogela pego Labone yo o fetileng ya gore go bonwa monna yoo wa dingwaga tse 28 a rapaletse mo kgorong ya ntlo e a neng a nna mo go yone le mmelaelwa.

O rile fa ba tsibogela pego ba ne ba fitlhela ele boammaaruri rre yoo wa Flowertown mo Kazungula a rapaletse mo kgorong ya ntlo mme ba mo ragosetsa kwa sepateleng kwa go fitileng ga tlhomamisiwa fa a tlhokafetse.

Rre Lepodisi a re moswi o ne a na le ntho e e supang fa a tlhabilwe ka sengwe se se bogale.

O rile le ntswa go sa itsewe se se bakileng loso lwa rre yoo, mapodisi ba tshegeditse moratiwa wa gagwe go ba thusa ka ditlhotlhomiso ka jaana ba ne ba nna mmogo mo ntlong e moswi a fitlhetsweng mo go yone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keamogetse Letsholo

Location : Kasane

Event : Potsolotso

Date : 17 Nov 2019