Baithuti ba sekole sa Madiba ba boetse ditlhatlhobong
17 Nov 2019
Baithuti ba sekole se segolwane sa Madiba kwa Mahalapye, ba ba neng ba gobatsana mo ntweng, ba kgonne go boela sekoleng go ya go feleletsa ditlhatlhobo tsa mophato wa botlhano morago ga gore yo mongwe a robadiwe kwa kokelong ya Mahalapye fa yo mongwe a ne a tshegeditswe ke mapodisi.
Mookamela mapodisi a e seng a seaparo kwa kgaolo ya Mahalapye, Rre Jimson Baakile o tlhaloseditse BOPA gore tiragalo e, e diragetse kgwedi eno e tlhola gararo ka nako ya bongwe mo tshokologong fa bathuiti bao ba basimane, ba ne ba nna le tlhokakutlwisisanyo.
Rre Baakile a re ntwa e, e ne ya baka gore moithuti wa dingwaga tse di lesome le bosupa wa kgotla ya Moko a felele kwa kokelong ka lebaka la kgobalo e e masisi e a neng a e bona mo tlhogong.
A re yo mongwe wa dingwaga di lesome le boferabobedi wa kgotla ya Xhosa 2 ene o ne a tshegediwa ke mapodisi, mme a kwala pampiri ya letsatsi le le latelang a tswa ntlo-lefitshwana.
Rre Baakile a re bobedi joo, jo e bileng e le ditsala, ba ne ba nnile le go tshameka go le maabane mme ga supega fa yo mongwe a ne a seka a rata.
A re ba ne ba tshereganngwa mme ka yo mongwe a ne a setse a fegetswe a kolopa yo mongwe ka mantswe.
Rre Baakile a re ka ntwa e ne e le ya bana ba ba ka fa tlase ga tlhokomelo ya batsadi, batsadi ba ne ba bidiwa go tshereganya le go ba letlanya.
“Ke bana re ba neetse batsadi,” Rre Baakile a tlhalosa.
A re botlhe baithuti ba ne ba kgona go boela sekoleng go tsweledisa ditlhatlhobo tsa bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaotlhobogwe Orefile
Location : Mahalapye
Event : Potsolotso
Date : 17 Nov 2019




