Breaking News

Baithuti ba abetswe mesangwana

17 Nov 2019

Ka go lemoga fa e se batsadi botlhe ba ba kgonang, mokgatlho wa The chosen Pads Foundation o ne wa abela  baithuti ba sekole se sebotlana sa Molapowabojang mesangwana ya basetsana e e faphegileng go nolofatsa seemo sa bone.

Fa a rola mpho eo bosheng, mookamedi wa mokgatlho wa The Chosen Pads Mme Malebogo Letsetla o ne a re ba tlhamile mokgatlho o ka go bona kgwetlho e e lebanyeng  ngwana wa mosetsana, jaaka a kgona go palelwa ke go ya sekoleng mo malatsing a setswalo, lebaka e le letlhoko la mesangwana.

Mokgatlho o, o dira mesangwana ba bo ba e rekisetsa mabentlele mme e mengwe ba thuse ba ba tlhokileng lesego.

Basetsanyana ba le masome a mabedi ba ne ba abelwa mesangwana.

Tiro e, e ne e tshwerwe mo setlhogong se se reng; Baya Ngwana mo Sekoleng.

“Ka ntlha ya letlhoko batsadi bangwe ga ba kgone go rekela bana mesangwana kgwedi le kgwedi, ka jalo bana ba felele ba dirisa matsela.

A re mesangwana eo e pharologanyo le e e tlwaelesegileng ka yone e a tlhatswiwa gore motho a tle a e dirise gape.

Modirise o kgona go dirisa  mesangwna e le mebedi ka letsatsi, mme e bile mosangwana o, o ka dirisiwa mo dingwageng tse tharo.

Mme Letsetla a re mesangwana e e dirilwe e le mefuta meraro, a supa fa go na le o o dirisiwang fa motho a simolola, o o fa gare le o o ka dirisiwang ka malatsi a bofelo.

A re ba rotloetsa tiriso ya mesangwana e, ka e bile e somarela tikologo, e bile e somarela madi ka modirisi a ka emisa go reka kgapetsakgapetsa.

Fa a ntsha la gagwe, moemedi wa The Chosen Pads Mme Sheillah Molelekwa o supile fa mesangwana e e le ya boleng jo bo kwa godimo mo e ka dirisiwang mo dingwageng tse tharo.

O tlhalosa fa ba abela bana ba mesangwana ba lebile gore batsadi ba bone ga ba kake ba kgona go ba rekela kgwedi le kgwedi.

Mme Molelekwa a re keletso ya bone ke gore bana ba le bone ba tsoge ba direla ba bangwe sengwe, le gone gore ba itse fa ba na le seabe mo matshelong a ba bangwe mo isagong.

Mme Molelekwa a re maikaelelo a bone ke go sireletsa lefatshe mo mesangwaneng ya dipolaseteke, a supa fa mesangwana ya bone e na le boleng ka jaana e dirisiwa gantsi, e bile e sa tshabelwe ke go latlhelwa gongwe le gongwe jaaka go direga ka ya dipolaseteke.

Rre Tiro Mekgwe yo le ene a tswang ko mokgatlho wa Chosen Pads o ne a bolela fa tiro e ya mesangwana e e tlhatswiwang e le ya ntlha ya mohuta o go dirisiwa Botswana, a supa fa e ka dirisiwa ke bagolo le bana.

Fa a ntsha kgakololo ka tlhokomelo ya mesangwana, a re e tlhatswiwa makgetho a supa e tsenngwa mo metsing a a phepa metsotso e le masome a mabedi, e bo e ntshiwa, jaanong go dirisiwe metsi a a nang molora, mme e tsokodiwe la bofelo morago e tshelwe metsi e bo e tshelwa vinegar e e senang mmala.

Fa a amogela dimpho mogokgo wa sekole sa Molapowabojang Mme Cecilia Tshamekang a re dithuso tse ba di amogelang di supa fa sekole sa bone se ratwa ke Modimo.

A re gantsi bana ba tlhajwa ke ditlhong go bolelela batsadi ba bone fa ba le mo kgweding, a supa fa dithuso tse di tlaa thusa bana thata. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : Molapowabojang

Event : Kabo dimpho

Date : 17 Nov 2019