Breaking News

Ntlo ya Dikgosi ke karolo ya botlhokwa

17 Nov 2019

Moemedi wa Ntlo ya Dikgosi wa kgaolo ya Letlhakeng Kgosi Itsoseng Gaoonwe a re Ntlo ya Dikgosi e na le seabe se segolo mo tsamaisong ya merero ya lefatshe le puso ya batho ka batho.

A re go ntse jalo ka dikgosi di eteletse merafe pele ka jalo ba itse tsotlhe tse Batswana ba di tlhokang.

O buile jaana mo potsolotsong le BOPA bosheng kwa Letlhakeng, a re ka jalo boleng teng jwa bone mo tsamaisong ya lefatshe bo thusa mo go rurifatseng gore Batswana ba bona ditirelo tsa meamuso ya lefatshe la bone.

Kgosi Gaoonwe a re Batswana ka bontsi ba tlwaetse gore mapalamente ke bone fela ba botsang dipotso le go thusa go tla ka ditharabololo tsa go thusa Batswana, ntswa marara le bone ba na le seabe se setona mo go tseo.

A re mo dingwageng tse di fetileng, o nnile le sebaka sa go botsa dipotso mabapi le botlhoki jwa maphata mangwe mo kgaolong ya gagwe mme ba ne ba thusiwa ka bonako. Kgosi a re se ke sesupo sa gore ba tsewa tsia ke boeteledipele jwa maphata a puso.

Rre Gaoonwe yo e rileng bosheng a tlhophiwa go ya kwa Ntlo ya Dikgosi, o lebogela seo ka go supa fa marara a kgaolo eo a mo tshepha go ka ba emela.

A re o tlaa rurifatsa gore dilelo tsotlhe tsa kgaolo ya gagwe o di isa kwa Ntlo ya Dikgosi gore botlhe ba bone dithuso.

Kgosi Gaoonwe a re sengwe sa dilo tse di sa mo jeseng diwelang ke gore dikgosi tsa tetlanyo ga di bolokelwe madi a bogodi gore e re ba tlogela tiro ba kgone go tshela sentle.

A re ka jalo o tlaa tsenya kopo ya gore magosana ao a hirwe gore ba kgone go ipolokela ka jaana mo nakong ya gompieno ba tshela ka go atswiwa mme moo go sa lekana ka bontsi jwa bone fa ba tlogela tiro seemo sa botshelo jwa bone ga se kgatlhise.

Kgosi o ne a supa gape fa kgaolo ya gagwe e aparetswe ke letlhoko la dikoloi mme mo nakong ya gompieno ba dirisa koloi e le nngwefela ya Sesung.

A re dikoloi ka bontsi di eme ka di tshwanetse go ya tlhatlhobong, sebe sa phiri ke gore ga go na madi ntswa setshaba sone se tlhokana le go thusiwa.

Kgosi a re e sale jaaka puso e tsaya tshwetso ya go emisa lephata la dikoloi la puso (CTO) go baakanya dikoloi ga nna bokete mo maphateng ka bontsi go isa kwa go ba ba ikemetseng ka nosi ka go le turu mme gape letlhoko la madi le le kwa godimo.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : Letlhakeng

Event : Potsolotso

Date : 17 Nov 2019