Kgosi o kgothatsa banni go kwadisa dithoto
14 Nov 2019
Mothusa motshwarelela bogosi jwa Batawana, Kgosi Bringle Dithapo, a re bogosi bo tshwenngwa ke dikgotlhang tse di bakiwang ke go lwela boswa.
Kgosi Dithapo o buile jalo ka Laboraro fa a bula semmuso ntlo ya ngwao kwa kgotlaneng ya Boseja-Kubung kwa Maun.
O supile fa dintwa tsa boswa di bakiwa ke go bo Batswana ba sena ngwao ya go kwala.
Ka jalo o kgothaditse banni ba Maun go ithuta go kwala ka botshelo jwa bone le ka dithoto tse ba nang le tsone.
A re seo se ka thusa thata fa ba setse ba hulere gore dithoto tsa bone di kgaoganngwe ntleng le dikgotlhang.
Kgosi Dithapo o kgothaditse banana go bega dikgang tsa tiga lebele kwa kgotleng kgolo ya goo Tawana.
O tlhalositse fa tiga lebele e duelwa ke rraagwe ngwana wa ntlha, mme kotlhao ya teng ke dikgomo di ferangbobedi.
Kgosi Dithapo o supile fa banana ba sa tlhole ba bega dikgang tseo, mme a re go maswabi ka bangwe ba bone ba sotlega ka bana fa bo rabana ba sa ba tlhokomele.
Fa a bua ka ntlo ya ngwao, Kgosi Ditlhapo o supile fa ntlo eo ele botlhokwa go somarela ngwao e e nyelelang.
A re pele banni ba kgaolo ya Bokone Bophirima ba ne ba aga ka lethaka le le neng le tsewa mo nokeng mme morago ba aga matlo ka mmu.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Boseja-Kubung, Mme Priscah Kaiko ene o ne a tlhalosa fa ntlo eo ya ngwao e tlaa dirisiwa go kokoanyetsa lekgotla la bone madi.
Mme Kaiko o supile fa ba ba nang le kgatlhego ya go itsaya dinepe fa ntlong eo batla a lefisiwa madi.
O tlhalositse fa ntlo eo e agilwe ka lenaneo la Ipelegeng.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : MAUN
Event : Pulo ya ntlo
Date : 14 Nov 2019




