Breaking News

Tikologo e e phepa konokono mo botsogong

14 Nov 2019

Mopalamente wa pele wa kgaolo ya Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele, o kgothaditse banni ba kgaolwana ya Boseja Flowertown kwa Mahalapye go kgatlhegela tikologong e e phepa ka nako tsotlhe.

Fa a bula semmuso letsatsi la go phepafatsa kgaolo le le neng le rulagantswe ke maloko a Botswana Democratic Party (BDP), Rre Makgalemele o tlhalositse fa bophepa e le konokono mo botsogong.

O kaile fa matlakala a na le boleng go gaisa jaaka bontsi bo akanya.

A re le ntswa a tlatsa motse leswe, a ka phuthwa, mme a kgone go busediwa gape mo tirisong.

Rre Makgalemele o kaile fa mo mafatsheng a a tlhabologileng, go gweba ka matlakala go na le seabe mo go godiseng itsholelo mme a rotloetsa gore e re ba ntse ba sela matlakala, ba bule megopolo, go akanya ka tse ba ka di dirang e le ditswa matlakaleng.

Nthopheng wa bokhanselara wa kgaolwana ya Boseja, Rre Tumelo Koolekanye, o lebogile banni le maloko a BDP ba ba neng ba tshologetse tiro eo.

A re moono wa tiro e, e ne e le go baakanyetsa batlhophi gore e re Ngwanatsele a le masome a mabedi le boraro, jaaka ba tlaabo ba ya go tlhopha mokhanselara, tikologo a bo e le phepa.

Kgaolwana ya Boseja Flowertown e ne ya seka ya tlhopha mokhansalara, morago ga gore go lemogiwe fa phathi nngwe e seyo mo pamphitshaneng e e dirisiwang go tlhopha.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mpho Maswikila

Location : MAHALAPYE

Event : letsatsi la phepafatso

Date : 14 Nov 2019