Modiredi o rotloetsa botsogo jo bo lolameng
14 Nov 2019
Mmaboitekanelo wa kokelwana ya Leetile kwa Mahalapye, Mme Bohutsana Moseki, o rotloeditse batsadi go nna le seabe mo kgodisong ya ngwana.
O buile se bosheng fa a simolodisa dithuto tsa letsatsi tsa go kala bana le go fa batsadi ba bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga botlhano dikgakololo ka tlhokomelo ya bana.
A re batsadi ba tshwanetse go itse borai jwa dilo tse di ka amang botshelo ebile tsa feletsa di gapile botshelo jwa lesea.
O supile fa bana ba tshabelelwa ke letshololo mme se se ka rarabololwa ka go tlhomamisa tikologo e e phepa ka dinako tsotlhe.
Mme Moseki a re go amusa ngwana ka lobotlele go kgona go nna borai mme a kopa batsadi go tshepha kopi go na le lebotlele ka le se motlhofo go phepafadiwa.
A re mo gongwe ngwana o tlogelwa ka lebotlele, go sena yo o mo tlhokometseng, go bona gore a o le dirisa sentle.
A re ngwana o kgona go kgangwa ke mashi fa a nwa ka lebotlele seemo se se ka bakang le leso fa go sena yo o mmeileng leitlho.
A re lebotlele le kgona go tlogelwa ka mashi mme a feletse a senyegile.
Mme Moseki a re seabe sa motsadi mo kgodisong ya ngwana se akaretsa go itse le go tlhaloganya mekento ya ngwana le malatsi a sekale.
A re lephata la botsogo le boitekanelo le ruta batsadi ka se fa ba tsisitse bana go kalwa mme a kopa kemo nokeng ya batsadi go netefatsa gore bana ba tla sekaleng kgwedi le kgwedi le fa dijo tsa mophako di seyo.
Go dira jalo a re e tlaabo e le sekao sa gore ngwana ga a ye sekaleng fela go batlelwa dijo mme ba tsaya dikalafi le go bona gore ngwana o gola sentle.
A re mo bogologolong, bontsi jwa batsadi ba ne ba sa itse go bala le go kwala, mme ba botsogo ba ne ba tlhamile dipina tse di neng di ba gakolola mekento e bana ba tshwanetseng go e tsaya ebile batsadi ba ne bas a ipone tsapa.
O kaile fa mo nakong ya gompieno, karata ya ngwana e na le mekento e ngwana a tshwanetseng go etsaya le dikgwedi tsa yone.
Mme Moseki o tlhagisitse fa mo nakong tsa dipula, bokgola bo ka tla ka bolwetse jwa dibokwana mme a rotloetsa batsadi gore ba seka ba lebala go tseela bana kalafi ya bolwetse jwa dibokwana.
O kopile gore bana ba nne le mophuthelwana wa motswako wa letshololo le pilisi ya letshololo e bitswang Zink Sulphate.
A re metswako eo, e fiwa ngwana fa a ka tsholola go feta gararo mo letsatsing.
“Le fa o file ngwana motswako oo, ragosetsa ngwana kwa kokelwaneng, o ntse o tsweletse ka go mo nosa, go emisetsa letswai, metsi le maatla a a tswang mo ngwaneng ka nako ya a ntse a tsholola.” Mme Moseki a kgothatsa. O supile fa tatlhegelo ya metsi mo mmeleng wa ngwana, e ka baka phaphalalo ya molomo, go lapisega le go wela ga phogwana mo go ka gapang botshelo jwa ngwana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaotlhobogwe Orefile
Location : MAHALAPYE
Event : ithuthuntsho
Date : 14 Nov 2019




