Breaking News

Ba Tshimoyapula ba kopa go epelwa didiba go nosa leruo

13 Nov 2019

Batho ba ba thusitsweng ka lenaneo la thuo ya dihutshane le dikoko kwa Tshimoyapula le meraka ee mabapi, ba kopile puso go ba epela didiba go nosa leruo.

Banni ba buile jalo bosheng mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke maphata a puso aa farologaneng.

Bontsi jwa ba ba thusitsweng, bogolo jang banana, ba boletse fa ba palelwa ke go rua leruo le ba le abetsweng ke puso ka gore beng ba didiba ba turusa metsi le. 

Ba boletse fa leruo le halala ka gore ga gona kwa le nwang teng, mme ba re seo ke go senyetsa puso. 

Banana ba boletse fa nako ya gompieno e sa tshwane le ya maloba, e neng dipula di tshephagala, ebile ba masika ba kgona go thusana ba sa gwebe.

Ba re ke ka moo bangwe ba tlhaetsang morafe metsi aa nowang jaanong, ba a kgaogana le leruo. 

Ba kopile gore fa didiba di pala, ba epelwe matamo, ba bolela fa phulo le yone e seo. 

Ba boletse gape fa bogodu jwa leruo le jone bo ile magoletsa le fa mapodisi a leka go ba namola.

Ba boletse gape fa phiri e thamaga e ba apesitse kobo ka letshoba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : phuthego ya kgotla

Date : 13 Nov 2019