Marekisetso a Spar a aba ntlo
13 Nov 2019
Moemedi wa banni ba kgotla ya Ramogate kwa Serowe, Rre Leremela Bogosing, o akgoletse marekisetso a Spar go bo a tsweletse ka go tlhabolola matshelo a batho.
O buile se ka Labobedi kwa kgotleng ya Ramogate fa badiri ba Spar ba ne ba abela Mme Grace Khupe wa dingwaga tse masome a marataro ntlo e ba e mo agetseng.
A re badiri ba abetse Mme Khupe mpho ya sennelaruri e bile e busetsa seriti sa gagwe.
Rre Bogosing a re Spar e tsere boikarabelo jwa go fetola matshelo a batho ka e rile marekisetso a sena go bulwa ka 2015 ba simolola ka go ama matshelo a batho ba ba tshelang le bone.
A re se bagolwane ba Spar ba se dirang ke thuto e tona mo badiring ba bone ka ba eteletse pele mo mananeong a boithaopo e bile go thusa badiri ba bone gore ba itse gore motho o tshwanetse a thuse mongwe ka ene.
A re go a bonala gore badiri ba Spar ba ne ba ntsha mpho ya ntlo go tswa boteng jwa dipelo tsa bone ka ba ne ba seka ba fela pelo fa ba ntsha madi P20 kgwedi le kgwedi mongwe le mongwe wa bone.
A re le ntswa ba ne ba na le dikgwetlho tsa madi fa ba tsweletse ka go aga ntlo ya ga Mme Khupe, ba ne ba seka ba ipona tsapa mme ba fetsa go e aga.
O ne a kopa Mme Khupe go leboga Modimo ka a tlhophilwe fa gare ga ba ba tlhokileng lesego mme thuso ya fiwa ene.
Rre Bogosing a re ba Spar ba tsweletse ka go ama matshelo a batho ka ba kgona go fokotsa ditlhwatlhwa tsa bone gore mongwe le mongwe a kgone go reka.
O ne a kopa banni ba Serowe go tswelela ba rotloetsa marekisetso a ka go a itshupa gore madi a ba a dirang a boela gape mo setshabeng.
Mogolwane wa marekisetso a Serowe, Mme Saliwe Somebody a re lenaneo la go thusa batlhoki ke nngwe ya maitlamo a marekisetso a Spar lefatshe lotlhe ka bophara.
A re ke jaaka e rile fa marekisetso ao a sena go bulwa ka 2015 ba bo ba tsamaya mo motseng ba sekaseka gore ba ka thusa mang.
Mme Somebody a re ba ne ba buisanya gore ba dire eng go thusa bangwe mme ba simolola kwa sekoleng sa SOS ba penta dikago teng ba bo ba dila fa fatshe.
A re ba ne gape ba lema merogo kwa sekoleng se sebotlana sa Central gone kwa Serowe mme ba reka merogo eo mo go bone ntswa e le bone ba e lemileng.
Mma Somebody o ne a leboga Mme Khupe go bo a ne a nna pelotelele nako yotlhe ya fa ba mo agela a bolela fa ba ne ba dirisa madi a bone ba sa thusiwe ke ope.
Rre Emmanuel Orateng yo o neng a emetse mopalamente wa Serowe Bophirima Rre Tshekedi Khama, o ne a akgolela badiri ba Spar go agela Mme Khupe ba sa iteba gore go na le dingwe tse le bone ba di tlhokang.
O ne a abela Mme Khupe P1 000 gore a kgone go ithusa ka one.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SEROWE
Event : Kabo ya ntlo
Date : 13 Nov 2019




