Go tlhama mebereko konokono mo dikgaolong
12 Nov 2019
Banni ba Tshimoyapula kwa kgaolong ya Legare ba re ka ba aperwe ke letlhoko la ditiro, go botlhokwa gore puso e potlakele kgang ya go tlhama ditiro kwa magaeng.
Banni ba, ba buile se mo phuthegong ya kgotla ka Mosupologo fa ba ne ba etetswe ke lekoko go tswa kwa ofising ya ga Tautona.
Banni ba boletse fa letlhoko la ditiro le ba apesitse kobo ka letshoba ka gore fa ba tshwara ka diatla ba ka reka dijo.
Ba boletse fa ba ikaegile thata ka lenaneo la Ipelegeng go ba direla mebereko ya nakwana mme ba ntsha megopolo ya gore e nne sennelaruri e bile madi le dipalo tsa badiri di okediwe.
Ba kaile fa puso e tshwanetse go thusa ka bonno, bogolo jang jwa ba ba dikobo dikhutshwane bogolo jang ka diemo tsa bone di ngomola pelo nakong tsa dipula.
Ba boleletse lekoko gore bontsi jwa batho ba ba sokolang ke Basarwa, ba ba boletseng fa ba nna ba le bantsi mo malwapeng e bile e le batho ba ba nnang ka go tsamaya tsamaya go tswa mo lefelong go ya kwa go le lengwe.
Ba ne ba kopela ba-na-le-bogole ba motse wa bone go thusiwa mo go haphegileng ka ba bantsi thata, mme ba sa bone dithuso botlhe.
Ba ne ba ba tlhalosa fa bangwe ba eteletse pele malwapa fa bangwe e le mokgweleo wa masika a bone.
Kgosi Lenkagetse Keipheditse ene o ne a kopa gore ba-na-le bogole ba letlelelwe go berekela ruri mo Ipelegeng e seng kgwedi tse tharo jaaka go diragala mo gompienong.
Mo gotse dingwe banni ba ne ba kopa puso go thusa ka dijo le tsa kalafi, ka motse wa bone o tlhasetswe ke mmopamo, o o bakiwang ke gore bangwe ba nna ba le bantsi thata mo malwapeng mme se ba se fiwang ke puso se sa tseye sebaka, ka se sa lekane.
Ba boletse fa matlhoko a bone a le mantsi fela thata a feta dithapo tsa leselo, mme ba re puso e ka thusa thata fa e ka itebaganya le tse tharo tse ba di nankotseng.
Banni ba boletse fa monongwaga thobo e ne e le boutsana thata, mme e tlhotlheleditswe segolobogolo ke diphologolo tsa naga jaaka ditholo, dikgabo le dikgomo tse di neng di upotsa masimo.
Ba ne ba re dikgomo tsa barui bangwe di ne tsa ba apesa kobo ka letshoba le mororo dipula di ne di le boutsana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : TSHIMOYAPULA
Event : phuthego ya kgotla
Date : 12 Nov 2019




