Breaking News

Eloyi e itumelela kagiso le thokgamo

12 Nov 2019

Moeteledipele wa kereke ya Eloyi, Bishop Sekai Jakoba, o lebogetse kagiso e e neng e rena ka ditlhopho tsa setshaba.

Bishopo Jakoba o buile se bosheng kwa moletlong wa kereke o o neng o tshwaretswe kwa Mahalapye. O tlhalositse fa go sena kagiso e e santseng e ka nna teng, e e fetang e lefatshe le, le nang le yone. Bishop Jakobe o supile fa moono wa leeto la gagwe e ne e le go lekola maloko, mme a kaya fa go ngomola pelo go fitlhela bangwe ba le bokoa mme a ba tlhomamisetsa fa ba tsere tshwetso e e molemo go tla mo ntlong ya kobamelo Modimo ka e le gone fa ba tlaa folang teng.

“Lona le setse le le bantle ka ntlha ya mafoko a ke a buileng le lona, bangwe re ne re le magodu, bo radifeisi mme ka ntlha ya tshokologo, re ntse bantle,” Bishopo Jakobe a tlhalosa.

O rurifaleditse kokoano ya badumedi fa Modimo a ne a sena thulaganyo epe ya gore o ka tsenwa ke makoa kana a aparwa ke malwetse mme a gwetlha phuthego go ema kgatlhanong le mmaba le go lwantsha segajaja sa HIVAIDS jo bo tsweleletseng ka go gapa matshelo a batho gammogo le go rapelela boeteledipele jwa lefatshe leno.

Bishop Jakobe o lebogetse neo e Modimo a mo e fileng ya go nna motlhanka wa letsomane la ga Jehovah, neo ya go fodisa makoa e a kaileng fa a sa e reka gope mme a tsetswe ka yone ebile a dumela e le mpho e e tswang kwa Modimong. 

A re o ntshitse botshelo jwa gagwe e le setlhabelo go bontshetsa bana ba Modimo ba ba iphitlhelang ba le mo makoeng go ba naya pholo mme a solofetsa balwetse ba ba neng ba phuthegile gore ba dumele fa Modimo a roma lefoko, ka jalo ba tlaa bona pholo.

Moanamisa mafoko wa Eloyi, Rre Alex Keakantse, o lebogetse phuthego go tsaya matsapa, go latela lentswe le le buang tshokologo le boikotlhao.

O ne a ba gwetlha go dirisa sebaka seo go leboga le go obamela Modimo ka tsotlhe tse di molemo tse o ba di diretseng le go nna ka phuthologo ba akola kobamo mmogo e le bana ba Modimo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mpho Maswikila

Location : MAHALAPYE

Event : Moletlo wa Kereke

Date : 12 Nov 2019