Barui ba kopiwa go ikgolaganya le sepodisi
11 Nov 2019
Barui ba Matsheng kwa kgaolong potlana ya Hukuntsi ba kopilwe go ya go bona dikgomo tse di tlhatlhetsweng kwa Tshane mme go belaesega di amega mo bogodung.
Mookamela mapodisi a Tshane, Superintendent Vusimuzi Jorowe, o boletse mo potsolotsong bosheng fa go le botlhokwa gore barui ba ikgolaganye le mapodisi go ba thusa go wetsa ditlhotlhomiso tsa bone.
A re go le gantsi barui ba nna maoto a tshupa fa ba kopiwa go ikgolaganya le mapodisi ka dikgang tse di amang leruo, a tlatsa ka gore fa ba sa itshupe, morago ga kgang kwa kgotleng ya ditsheko, leruo leo le gapiwa ke puso.
Supt Jorowe a re ba tshegeditse rre mongwe wa dingwaga tse di ka tshwarang masome a mararo le boferabobedi go ba thusa ka ditlhothlomiso mabapi le tiragalo e.
O tlhalositse fa tiragalo eo e diragetse mo bekeng e e fetileng morago ga gore mmelaelwa yoo, a tshwarwe a leka go rekisa dikgomo tseo kwa Kang.
O tlhalositse fa go ne ga lemosega fa dikgomo tseo di na le ditshipi tse di belaetsang.
O ne a tlhalosa fa mmelaelwa a ne a santse a letetse tsheko kwa ntle mabapi le dikgang tsa go belaelwa mo dikgannyeng tsa bogodu jwa leruo.
Le fa go le jalo, o ne a rotloetsa beng ba matlhabelo go nna podi matseba ka nako tsotlhe fa go tla mo thekisong ya dikgomo.
E re dikgang di eme jalo, mookamela mapodisi a Kang, Superintendent Olebeng Chingabe, ene o tlhalositse fa ba tshwere banna ba le bararo ba dingwaga tse di masome a mararao le bosupa le masome a mane le boraro morago ga go fitlhelwa ka mophuthelwana o go belaesegang e le motekwane.
A re ka maswabi mmelaelwa yo mongwe o ne a le botsa phokoje ka jalo, mapodisi a mo patlong ya gagwe.
Supt Chingabe a re ba belaelwa ba ne ba tsamaya ka koloi ya modiro wa Toyota corolla ba supa fa ba goroga ba tswa Molepolole.
A re mapodisi a ne a emisa borre bao, mme ba ba kopa go ba phuruphutsha mme ba fitlhela mophuthelwana o go belaesegang e le setlhatshana sa motekwane se se ka tshwarang bokete jwa 2-3kg.
Le fa go le jalo, a re setlhatshana seo, se rometswe go ya go tlhatlhobiwa ke bo maitseanape, mme fa maduo a ka tla a supa fa e le motekwane ba tla a isiwa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata go ya go arabela molato wa go fitlhela ka setlhatshana seo e se ka fa molaong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : HUKUNTSI
Event : potsolotso
Date : 11 Nov 2019




