Baithuti ba Kgatadimo ba tlaa tsena kgaisano kwa Ghana
11 Nov 2019
Baithuti bangwe ba se segolwane sa Kgatadimo kwa Maokatumo ba tlaa emela Botswana kwa Ghana morago ga go fenya kgaisano ya Junior Achievement Botswana (JAB).
JAB ke lekgotla le le itebagantseng le go rutuntsha baithuti ba dikole tse dikgolwane ka kgwebo le go ribolola ditalente tse ba nang le tsone.Mogolwane wa lekgotla la JAB, Rre Tibole Mhlambi o tlhalositse fa baithuti ba le bane le morutabana ba tlaa emela lefatshe leno kwa dikgaisanong tsa mafatshe kgwedi ya Sedimonthole e tlhola gararo go fitlha e le supa mono ngwaga.
Rre Mhlambi a re sekole se, se ne sa fenya dikgaisano ka khamphane ya sone e e bidiwang Rola Pave Investment Company, e e dirang ditena ka dipolaseteke e sa dirise metsi. O supile fa go ne ga tlhophiwa dikole di le lesome le bone lefatshe lotlhe ka bophara. A re mo palong eo, dikole di le supa, e ne e le tsa baithuti ba bagolwane fa di supa ele tsa baithuti ba ba fa gare.
Mogokgo wa sekole, Rre David Mpitse, o supile boitumelo gore sekole sa gagwe se bo se fentse dikgaisano tseo.
A re le ntswa sekole se lebanwe ke dikgwetlho, maikaelelo a gagwe le barutabana ke go neela baithuti dithuto tse di maleba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : MAOKATOMO
Event : phuthego
Date : 11 Nov 2019




