Learo la borre le tswa bogologolong
10 Nov 2019
Motshwarelela molaodi wa kgaolo-potlana ya Serowe Rre Collin Tubego a re learo la borre le tswa bogologolong le ntse le dirwa.
Rre Tubego a re se, se supiwa ke gore le teng mo ngwaong e bile go buiwa ka lone le mo Baebeleng.
O ne a bua jalo ka Labotlhano kwa tirong ya tshimolodiso semmuso ya learo le le babalesegileng la borre le le simolotsweng ka Phalane go fitlhelela Mopitlo ngwaga o o tlang mo kgaolo-potlana ya Serowe.
Tiro e, e dirwa ke lephata la botsogo le boitekanelo ba tshwaragane le mokgatlho wa Ghumba Faya le seromamowa sa Duma.
Rre Tubego a re mo dingwaong ka go farologana mo lefatsheng leno, basimane ba dira learo la borre fa ba ile go rupa e bile gape go na le ditemana tse di buang ka learo la borre jaaka mo go Luke kgaolo ya bobedi temana ya masome mabedi le bongwe le mo go Genesis kgaolo ya lesome le bosupa temana ya lesome le bone.
Ka jalo Rre Tubego a re batho ba seka ba tsaya gore learo la borre ke tiro nngwe e e sa siamang.
Rre Tubego o ne a rotloetsa borre go dira learo le le babalesegileng la borre ka le thusa rre go nna a le phepa ka dinako tsotlhe e bile le na le kgonagalo ya go fokotsa kanamo ya mogare ka selekanyo sa 60%.
A re go dira learo le le babalesegileng la borre go a busetsa ka go kgona go sireletsa mme yo o tshelang le rre mo malwetseng a tshwana le kankere ya molomo wa popelo.
Mogokaganyi wa ditirelo tsa learo le le babalesegileng la borre mo lephateng la botsogo le boitekanelo Rre Conrad Ntsuape o ne a supa fa ba lephata la botsogo le boitekanelo ba itemogetse fa borre ka bontsi ba ise ba dire learo le.
O kgothaditse ba motse wa Serowe le metse e e mabapi go tsaya tiro ya letsatsi leo e le sone sebaka sa go ara ka ditirelo tseo di tlaa bo di le mo kgaolong ya bone.
A re baoki ba ba iseng ba isiwe dithutong tsa go ara ba tlaa isiwa dithutong go fefosa thulaganyo e e tlaa bong e dirwa e e tlaa tsayang dikgwedi di le thataro.
Moeteledipele wa lephata la kganelo malwetse mo lephateng la Botsogo le Boitekanelo Mme Cathrine Garebatho o ne a tlhalosa fa learo le le sireletsegileng la borre le direlwa mo bophepeng.
A re thulaganyo ya learo le le babalesegileng la borre e tlaa tsaya dikgwedi di le thataro mo kgaolong-potlana ya Serowe mme tsholofelo ke gore go dirwe borre ba le 2 500 ba dingwaga tse di yang kwa go masome a mabedi le boferabongwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SEROWE
Event : Tshimolodiso ya learo
Date : 10 Nov 2019




