Leuba le babalela bagwebi
10 Nov 2019
Mme Kereeditse Mponang yo o gwebang ka go rekisa melemo ya setswana a re barekisi ba melemo ya Setswana fela jaaka balemi-barui ba babaletswe ke dipula tse di boutsana.
Mo potsolosong, le BOPA bosheng kwa Serowe, Mme Mponang wa dingwaga tse 56 a re gangwe le gape go tsewa motlhofo fela gore balemi-barui ke bone fela ba ba babalelwang ke leuba ntswa le babalela bontsi.
A re gore a epe melemo ya Setswana go tlhokana le gore e bo e tlhogile e le metala gore a e bone sentle.
A re fa ditlhare di angwa ke leuba di nna ditshetlha go bo go sa nne bonolo go di epa.
A re ditlhare tse baepi ba melemo ya Setswana ba kgonang go di bona sentle le fa pula e seyo ke tse ditona tse di tshwanang le mosetlha le morula mme go a bo go sa lekana ka bontsi jwa melemo e epiwa e bile e golela kwa tlase.
Ka jalo Mme Mponang yo o ikwadisitseng le ba Dingaka Association e le morekisi wa melemo ya Setswana a re o kgona seemo sa leuba ka go epa melemo ya Setswana ka go farologana e le mentsi ka nako ya pula mme a ipeele fa go kgonagala.
O supile fa gantsi ba emela dipula gore ba kgone go epa melemo.
A re kgwetlho e ba kopanang le yone e nngwe ke gore melemo ya Setswana ga go motlhofo gore ba e leme ka jaana fa ba re ba a e lema e a swa.
O epa melomo kwa Mogorosi, Thabala le Moiyabana mme e mengwe o kgona go e bona mo Serowe.
Mme Mponang a re o na le dingwaga di le mmalwa a ntse a epa melemo ya Setswana a bo a rekisetsa ba ba lwalang malwetse ka go farologana.
O tlhalositse fa a na le dingwaga a itse melemo ya Setswana le gore e alafa eng mme botsipa joo a bo tsere mo go rraagwe ka e ne e le ngaka ya Setswana.
Ka rraagwe a ne a alafa malwetse ka go farologana, a nna le kgatlhego ya go ithuta mo go ene.
E ne e re fa rraagwe a ya go epa melemo ya Setswana a bo a tsamaya le ene mme mo dinakong tse dingwe o ne a rongwa go ya go epa melemo eo a le nosi.
O rekisa melemo ya Setswana e akaretsa motsietsane o o alafang dinoka le mala a a dumang.
Molemo o mongwe ke legala la tshwene o a bolelang o alafa bolwetse jwa go swa mhama kana bogatsu mme o mongwe e le mmaba mme o alafa khupelo e tona.
A re melemo e mengwe ya Setswana ke moringa o e leng makgonatsotlhe ka o alafa malwetse a le mantsi, mme monamane o tlhatswa madi, sekaname, molemo wa boswagadi le e mengwe.
Mme Mponang o ne a bua ka monyenyo gore tiro ya gagwe ya go thusa ba ba lwalang e na le maduo ka batho ba a ba thusang ba boela kwa go ene ka dinako tsotlhe ba supa fa ba thusegile mme bangwe ba tla kwa go ene ba rometswe ke ba a ba thusitseng.
Fa a bua ka kgwebo ya gagwe, Mme Mponang o ne a supa fa a sa fele pelo go rekisa melemo ya Setswana mo marekisetsong a Serowe ka a na le kgatlhego ya go thusa batho e bile a itshetsa ka bonnyennyane jo a bo bonang.
A re botshelo jwa gagwe bo fetotswe fela thata ke go rekisa melemo ya Setswana ka a kgonne go tsenya bana dikole ka madi a teng e bile a kgona go reka se a se tlhokang.
Melemo ya gagwe e rekisiwa ka leswana le le jang le tletse, e sidilwe e le boupi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SEROWE
Event : potsolotso
Date : 10 Nov 2019