Tshotlakako ya bana le bomme e a tshwenya
10 Nov 2019
Mogolwane wa lephata la Bong kwa Serowe Mme Patricia Masasa a re lephata la gagwe le tshwenngwa ke kgokgontsho e e diragalang mo baneng ba basetsana le bomme kwa kgaolong ya Legare.
Mo potsolosong le BOPA bosheng, o boletse fa lephata la bone le sa jesiwe diwelang ke dikgang tsa tsatsi le letsatsi tse di diragalang.
O boletse fa bomme ba itewa, e bile ba bolawa, fa bangwe ba tshelela mo kgokgontshong ya mafoko a a botlha.
Mme Masasa a bolela fa bananyana ba bannye ba thubediwa ke borre ba batona.
Mogolwane o kaile fa mapodisi, ba bogosi le lephata la bone ba tshwaragane le namane e tona ya go reba seemo se.
Le fa go ntse jalo, o boletse fa a ne a nametsega pelo fa Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a ne a itlama go lwantsha kgokgontsho eo ka botswapelo.
A re o solofela go le gontsi thata mo go Tautona.
Mo dikgannyeng tse dingwe o boletse fa lephata la bone le tlhoka go okelediwa bodiredi le didirisiwa gore ba tle ba lwantshe seemo se.
A re go tlhabolola puso le go tlhama mebereko go ka thusa thata mo diemong tsa go tshwana le tseo.
A re o itumedisiwa ke gore baemedi ba setshaba ba tsibogela dikgang tse, tse di sa jeseng diwelang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : potsolotso
Date : 10 Nov 2019