Moyo o itshetsa ka tiro ya diatla
10 Nov 2019
Ka gotwe e a re go tlogelwa tsatsing se ikise meriting, seo ke se se dirilweng ke Rre Fanuel Moyo (52) wa letso la Sezezuru kwa Serowe.
Ka go lemoga fa ditiro di thapa ba ba iteilweng letsogo, a ja marapo a tlhogo go bona gore o dira eng go tshetsa ba lelwapa la gagwe, ka ene a ise a kopane le sekwele gope.
Mo potsolotsong le BOPA bosheng, Rre Moyo yo o itshetsang ka ditiro tsa diatla o amule se mo batsading ba gagwe ba ba neng ba tshela ka go dira dilwana tsa diatla le go rekisa.
O dira dilo di le mmalwa go balelwa dibata tsa disenke, matshego, ditafole, diforomo, matlwana a disenke, ditomo tsa ditonki le dipitsa le tse dingwe.
Ntswa a ithutile ka go lebelela batsadi, mo bogompienong tiro ya ga Rre Moyo e mo diretse leina mo Serowe, ka a dira dilo ka botswapelo, selo se a reng ke sone se thusitseng gore kgwebo ya gagwe e bo e dira sentle.
A re kgwebo ya gagwe e a gola ka barotloetsi ba gagwe ba bolelela bangwe ka bone ka tiro ya gagwe.
O simolotse ka 1976 a le dingwaga di le lesome le boraro go simolola go sega disenke.
Mogwebi yo o simolotse a rekisetsa kwa Lobatse mme a hudugela kwa Serowe, mme bo gompienong o rekisetsa le kwa Thabala gaufi le Serowe.
Rre Moyo a re kgwebo ya gagwe e mo thusitse go tsenya bana sekole, a nyala a bo a ikagela mosasana.
O boletse fa balemi-barui ba ba beileng mo temong le thuo ba nna le mathata fa dipula di sanne sentle jaaka monongwaga, a bolela fa ene ya gagwe kgwebo e tswelela fela le fa pula e seyo.
A re ga a lale ka tala ka kgwebo ya gagwe e tsenya madi letsatsi le letsatsi, ntswa a na le batho ba ba rekang ka sekoloto mme e re kgwedi e fela ba mo duele go sena tsapa le fisang pelo.
O rotloeditse Batswana go ithuta go dira ka diatla ka gore ditiro tse di kgethegileng tse ba di batlang di le boutsana.
A re go itirela ka diatla go a busetsa fa o go dira ka bopelotelele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Puisano
Date : 10 Nov 2019