Mokoduwe go tsosiwa o o itekang
07 Nov 2019
Badiri ba lephata la Buildings and Engineering Services (DBES) kwa Tsabong ba supile mowa wa kutlwelobotlhoko le lorato ka go agela motlhoki mongwe ntlo kwa Maubelo.
Fa a bua kwa kabong semmuso ya ntlo eo, mogolwane go tswa kwa lephateng leo, Rre Motsumi Kganyako o tlhalositse fa ba ne ba simolodisa kago ya ntlo ka 2017 morago ga go lemoga letlhoko la ga Mme Semakaleng Mmereki.
Mme Mmereki o ne a dirile maiteko a go aga ntlo eo, mme a tlhaelela mo tseleng, ka jalo ba mo tswa thuso ka ‘mokoduwe go tsosiwa oo itekang’.
Rre Kganyako o ne a tlhalosa fa ba ne ba thulanya ditlhogo, mme ba tshwaragana le ba boipelego go dira tshekatsheko ya bone.
A re ba ne ba kokoanya madi a a kanang ka P30 000 le go dira ka diatla go feleletsa ntlo eo, le go teratelela segotlo.
Rre Kganyako a re ba ne ba ikuela mo diofising tse dingwe, maphata a a farologanyeng a puso, dikompone le setshaba ka kakaretso ba ba thusitseng ka madi.
A re ba Botswana Power Corporation ba ne ba tsenya ntlo motlakase, fa ba FurnMart ba thusitse ka bolao, mme ba DBES ba ne gape ba rekela lolwapa leo dijo tsa P450.
Fa a aba ntlo eo, mothusa mookamedi wa lephata la dikago le tlhabololo matlo go tswa Gaborone, Mme Magdeline Ndlovu o ne a galaletsa lephata la gagwe ka tiro e ntle eo.
A re ba na le mowa wa go aba e bile ba dira ka lorato go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong, selo se a reng se tlaa tlotlomatsa lephata leo.
Mme Ndlovu o ne a kopa Mme Mmereki go tlhokomela ntlo eo thata, ka e ka mo solegela molemo fa e ka tsaya nako e ntsi e le mo seemong se se siameng, e bile se eletsega.
Mogolwane go tswa kwa khanseleng ya Kgalagadi, Rre Patrick Keongadile o ne a popotha badiri ba DBES legetla ka go gopola ba ba kobo dikhutshwane, a ba a rotloetsa maphata a mangwe a puso go tsaya malebela mo go bone.
O ba kgothaditse le gone go leba le kwa ntle, bogolo jang kwa metseng e e kgakala thata le ditlamelo, ka go na le ba ba tlhokang ba le bantsi teng.
Mme Mmereki o ne a phophoma ka boitumelo go amogela ntlo eo, a supa fa e le thato ya Modimo gore monwana o bo o supile ene.
O ne a re le ene o ikutlwa a na le seriti ka a na le bonno jo bo siameng kwa a ka latsang tlhogo teng, ka gore pele o ne a latsa tlhogo mo matlong a Setswana a a onetseng.
Mme Mmereki o ne a eleletsa badiri ba lephata la DBES masego le matlhogonolo le tswelelopele mo ditirong tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : MAUBELO
Event : kabong semmuso ya ntlo
Date : 07 Nov 2019