Kwa DBES go busa Moitoi
07 Nov 2019
Mogolwane go tswa mo lephateng la Dikago le Boranyane (DBES) kwa Tsabong Rre Mogolodi Moitoi o tlhomilwe go nna kgosi morago ga gore badiri ba lephata leo ba lemoge botlhokwa jwa go nna le kgosi go thusa mo go rarabololeng mathata a a ka amang maduo mo tirong.
Fa a tlhoma Rre Moitoi bosheng, mothusa kgosi wa Tsabong, Kgosi Richard Toto o ne a tlholosa fa maemo ao a bogosi a a dirisa fela mo tirong go tsereganya badiri ba bangwe fa ba na le dikgotlhang mo tirong le gone go gakolola ka dikgang tsa mo tirong a dirisana le boeteledipele.
Kgosi Toto o ne a supa fa seo se tlaa thusa mo tharabololong ya dikgang tsa mo tirong gore di seka tsa kgoreletsa tiro ya puso ka fa e tshwanetseng go dirwa ka teng go isa ditirelo le ditlamelo tsa maemo a ntlha kwa setshabeng.
“Ke kopa gore o seka wa rwala maemo a ka magetla, o ikgogomosa mme o tsee badiri ka go lekalekana, ka tlotlo le botho jo bo eletsegang le gone go tlhotlha dikgang tsa bone ka fa go tshwanetseng ka teng o sa sokamela letlhakoreng lepe.”
O ne a gakolola gore le ntswa a tlhomilwe kgosi mo tirong ga a letlelesege go otlhaya ope ka thupa fa e se go mo gakolola ka go mo tsenya mo tseleng go thusa boeteledipele.
Rre Mosimanewadipitse Tumaeletse fa a bua maikaelelo a go tlhongwa ga kgosi mo lephateng la bone o ne a tlhalosa fa morago ga go lemoga fa go na le borre ba le bantsi mo lephateng leo ba e leng maloko a lekgotla la borre (Men Sector) ba ka kgona go tswa ka ditharabololo tsa dikgang tsa bone ba phuthologile mo sephiring ba ithuna dinta ba le bosi.
Rre Tumaeletse o ne a tswelela ka go tlhalosa fa dikgang tse kgosi a tlaa itebaganyang le tsone e le tse gantsi di tlhagang mo ditirong di akaretsa go lofa, go tla morago ga nako mo tirong, go nwa bojalwa phethelela, le dikgang tse bangwe ba latlhegetsweng ke ditiro ka ntlha ya go tlhoka bogakolodi.
Kgosi Moitoi o tlaa itebaganya le dikgang tse di amang malwapa tse ba eletsang go di buisana le go tswa ka ditharabololo tsa tsone le borre ba bangwe go itsa dikgoreletsi mo tirong ya bone.
Fa a bua mo pulong ya kgotla le peo ya kgosi modulasetilo wa Men Sector mo kgaolong eo, Rre Keabetswe Kole o ne a gwetlha borre go inaakanya le lekgotla leo le le simolodisitsweng ke lephata la dikgolegelo, sesole le sepodisi ba ba nang le boree ba bantsi, ka gantsi e le bone ba ba amegang mo dikgannyeng tsa kgokgontsho, petelelo le tse dingwe.
O ne a supa fa lekgotla la borre le tshwaraganye le NACA le ba botsogo mo go thuseng mo go lwantsheng mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS morago ga go gapa matshelo a batho ba le bantsi mo lefatsheng leno go simologa ka 2000.
Rre Kole a re e re ka jaana borre e le ditlhogo tsa malwapa ba dirisa seo go gatelela ba malwapa a bone, bogolo jang ka e le bone gape ba ba amegang mo go anamiseng mogare wa HIV.
A re le ntswa borre e le bakgokgontshi le bone ba felela ba kgokgontshiwa ke bomme mme ba sa ntse ba goga dinao go ya go ikuela ka ntlha ya go tlhajwa ke ditlhong ba re ga ba amogelesege kwa mapodising.
Rre Kole o ne a kopa kemo nokeng ya dikgosi ka nako ya fa ba na le bokopano, a supa fa borre ka bontsi ba na le dikgang tse di ba tshwenyang mme di ka rarabololwa fela ke lekgotla leo ka ba ka kgona go phuthologa ba bua dikgang tsa bone e le borre fela le gone go itshekatsheka ka fa ba tshelang ka teng le bomme le bana gore kwa bofelong go nne le kagiso mo malwapeng.
Mo go lone letsatsi leo go ne gape ga bulwa lelwapa la Setswana le mo go lone go buiwang dikgang tse di amang bomme mo lephateng leo la DBES mo Tsabong ka gantsi e le bone ba ba tshabelwang ke dikgang go godisa bana ba le bosi morago ga go phuaganngwa ke borre ka bana.
Fa a baua kwa pulong eo, mohumagadi wa ga kgosi Mme Juria Toto o ne a supa fa jaanong seo se efa bomme ba lephata leo sebaka sa go buela dikgang tsa bone tse di amang tiro le kwa malwapeng a bone mo bothokong ba le bosi.
Mme Toto a re bomme ke bone ba tshabelelwang ke go tshela ba rwele morwalo o o bokete le kutlobotlhoko e e kwa godimo ka ntlha ya go tlhoka kutlo ga bana ba basimane le basetsana ba ba tshelang botshelo jwa segompieno mme mo gongwe ba sa kgone go ba laola ka fa go tshwanentseng ka teng.
Le fa go ntse jalo, mohumagadi wa ga kgosi o ne a supa fa ‘ntsanyana ya maitaya sebatana e bonwa mabotobotong’, ka jalo bmme ba tshwanetse go godisa bana ba basetsana ba boleng, botho, maitseo ba ba ka nnang bomme ba motia ba ka moso e bile ba ka felela ba kgatlhegelwa ke borre go aga malwapa a a nang le kagiso le lorato.
O ne a gakolola bomme go tlotla mebele ya bone ka go ikgapha mo go apareng diaparo tse di senolang mebele, bogolo jang kwa ditirong, selo se a reng ga se ba tlotlomatse e le bomme ba Batswana ba ba ka kgatlhegelwang ke borre go ba nyala.
Mothusa molaodi mo Tsabong Mme Thapelo Lesolame o ne gakolola bomme go itsalanya le bomme ba bangwe ka go emana nokeng mo dikgwetlhong tsotlhe tse ba kopanang le tsone tse di amang tiro le malwapa a bone ka ba nna nako e ntsi ba le kwa tirong mmogo.
Mme Lesolame o ne a gakolola bomme ba DBES fa bomme e le thari ya setshaba, ka jalo go solofelwa tse di molemo mo go bone mo go bopeng malwapa a motia e bile ba itsetsepetse ka lefoko la Modimo ka dinako tsotlhe go ikgapha mo go tse di bosula. BOKHUTLHO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Tlhomamiso
Date : 07 Nov 2019