Breaking News

Kgwebo e tlhoka bopelotelele

05 Nov 2019

  Mogwebi wa marekisetso a Town Echo kwa Sehitwa, Mme Goweditswe Morei, a re lerato, boineelo le bopelotelele di botlhokwa mo go ntsheng maduo mo kgwebong.

Mme Morei o buile jalo bosheng fa a ne a diretse bareki ba gagwe letsatsi la baji bareki. 

A re letsatsi leo e ne e le bontlha bongwe jwa go ba lebogela kemo nokeng mo kgwebong ya gagwe.

O tlhaloseditse baji bareki ba gagwe gore kgwebo e tshwana fela le dipaka, a re ka dinako dingwe e ka tsamaya sentle mme nako nngwe go nne thata.

Mme Morei a re fa seemo se le kwa tlase, ke yone nako ya gore mogwebi a tlhwaafale a tsenye dilwana mo marekisetsong gore sepe fela se motho a tsenang a se batla a se fitlhele.

A re mogwebi o tshwanetse go nna le modupi wa dibuka, go fa ene mogwebi tsela ya gore o ya kae. 

A re mong wa kgwebo ga a tshwanela go tsaya sepe mahala fela ka gore kgwebo ke ya gagwe.  A re moreki ke kgosi, ka jalo o tlhoka go fiwa lerato.

Mme Morei a re kgwebo e batla senatla, e seng go baya tsotlhe mo babereking a re go dira jalo go rotloetsa tshenyo.

O tlhalositse gore ka nako ya fa a simolodisa kgwebo, bangwe ba ne ba mmolelela fa a e beile kwa sekgweng mme a re ka lerato le a nang le lone mo bareking ba gagwe, o ne a kgona go dira dipoelo tse di itumedisang go gaisa le bone ba ba kwa motseng.

Ke ngwaga wa bobedi Mme Morei a ntse a leboga bareki ba gagwe ka a re o bone go tshwanela go ba itumedisa ka le bone ba mo itumedisa.

Mme Gaserojwe Kotewa ene o kgothaditse banana go tsena mo dikgwebong, a re e ne ke motho yoo itseng kgwebo thata ka a kile a fiwa dikoko mme ka a ne a na le tebelopele o ne a kgona go epa sediba ka madi a dikoko tseo.

A re batho ba kgaogane le go nna ba re ba a tlhoka le ntswa Modimo o ba file diatla, a re ene o simolotse ka go rekisa borotho mme a kgona go godisa bana ba gagwe.

Rre Thuto Kelebemang yoo eleng modiri wa boipelego o ne kgothatsa batsadi go tlhokomela bana ka botlalo, a re le bone ba eletsa thata gore Batswana ba intshe mo lehumeng.

A kgwebo ga go tewe selo se setona thata mme a re ba ka ya kwa go Mma Morei go anywa maele a kgwebo, a re ba tlogele go tsaya mananeo hela mme ba ithute ba nne le lerato la se ba batlang go se tsaya kwa go ba boipelego kana kwa nyeletso lehuma.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : SEHITHWA

Event : letsatsi la baji bareki

Date : 05 Nov 2019