Banana ba gwetlhiwa go dirisa mananeo
04 Nov 2019
Mogolwane kwa lephateng la go Neela Banana Dithata, Metshameko le Ngwao kwa kgaolong ya Kgalagadi Bokone, Mme Gladys Kelebemang, o ngongorega ka go nna maoto a tshupa ga banana mo go diriseng mananeo a puso.
O buile se ka Tshipi fa ofisi eo e ne e tshwere dikgaisano tsa bodigaratsi kwa Hukuntsi.
Mme Kelebemang a re maikaelelo a dikgaisano tseo ke go ribolola talente e ka yone badiragatsi ba ka itlhamelang ditiro e le tsela nngwe ya go godisa ditlhabololo le itsholelo.
A re dikgaisano tseo di ne di itebagantse le mmino wa tsutsube, katara, dikhwaere, namastap, drama, setinkane, segaba le poko.
Mogolwane a re le ntswa kgaolo ya Kgalagadi Bokone e agilwe ka dikgaolwana di ferabobedi, go ngomola pelo go bona dikgaolwana dingwe jaaka Hukuntsi Botlhaba le Bophirima gdi sena kemedi.
O ne a tlatsa ka go gwetlha banana ba Kang go seke ba phadisana ka dikhwaere fela, a re ba tshwanetse go sekaseka dikarolwana tse dingwe tsa bodiragatsi go atolosa bodiragatsi kwa motseng wa bone.
Le fa go le jalo, o ne a ba iteela legofi gore monongwaga ba kgonne go kwadisa setlhopha sa mmino wa tsutsube.
Mme Kelebemang o tlhalositse fa puso e ntshetsa dikgaolo madi gore go tshwarwe dikgaisano tseo, jaanong fa ba nna maoto a tshupa go tlaa felela go baya kgaolo ya bone ka fa mosing ka jalo, banni ba dikgaolo di sele ke bone ba akole dithuso tseo, fa bone ba tlaa fetoga babogedi mo lefatsheng la bone.
Mo go tse dingwe, o ne a gwetlha banana go tlhwaafalela go ithuta go letsa diletso tsa setso jaaka setinkane le segaba, tse a supileng fa nako tsotlhe dikgaisano tsa tsone di tsenwa ke bagodi.
A re seo se borai ka jaana fa ba ka ikela badimong, ba tlile go lelela kgama le mogogoro ka jaana, go tlaa nna boima go bona dithuto tseo motlhofo, ka gore ba ba nang le kitso eo, ba tlile go ba lopa madi a a lekanang le kgomo le namane go ba ruta ka jalo, a ba gwetlha go inaakanya le botsadi go ba ruta go ise go nne thari.
Le fa go le jalo, setlhopha sa KharaKhoen go tswa kwa Lokgwabe se ne sa ikgapela maemo a ntlha mo karolong ya namastap ba longwa serota ke sa Our Originality go tswa kwa Ncaang.
Mo go tsa poko, Mme Loago Seonewang o ne a ikgapela maemo a ntlha a salwa morago ke Mme Lame Pusetso fa Rre Mothusi Mothemele ene a ikgapela maemo a boraro.
Mo go tsa dikhwaere, YDC go tswa Kang e ne ya suputsa khwaere ya Dinaletsana go tswa Kang le Maleka go tswa Hunhukwe ba ba ikgapetseng maemo a bobedi le a boraro ka go latelana.
Ditlhopha di ne tsa atswiwa ka madi, P5000 fa ba gapile maemo a ntlha, ba latelwa ke P3000 mo maemong a bobedi fa ba maemo a boraro ba ikgapela jalo P2000.
Mo go ba ba ikemetseng ka bonosi, mofenyi wa maemo a ntlha o ikgapela P2500, fa wa maemo a bobedi a ikgapela P1500 a salwa morago ke wa maemo a boraro ka P1000. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : HUKUNTSI
Event : POTSOLOTSO
Date : 04 Nov 2019