Setshaba se kopiwa go ema Tautona Masisi nokeng
03 Nov 2019
Moemela dikgosi tsa kgaolo ya Kgalagadi Bokone kwa ntlong ya dikgosi, Kgosi Moeti Monyamane, o gwetlhile setshaba go ema Tautona Dr Mokgweetsi Masisi nokeng gore a kgone go fitlhelela dikeletso tse a di beileng setshaba pele.
O buile se mo potsolotsong morago ga go lebelela tiragalo ya go ikanisiwa ga ga Tautona Masisi ka Labotlhano.
Kgosi Monyamane o ne a lebogela thulaganyo ya go phatlalatsa kgaso ya go ikanisiwa ga ga tautona mo maranyaneng le ntswa a re go ne go sa lekana ka jaana ba metse e e kgakala le ditlamelo mo tikologong ya Hukuntsi ba sa bona sebaka seo.
A re le ntswa e ne e le maiteko a ntlha, keletso ke gore mo dingwageng tse di tlang, go atolosiwe ditirelo tsa phatlalatso eo.
Le fa go le jalo, Kgosi Monyamane a re dikeletso tseo, ga di ame puso e le nosi, ka jaana di tlhoka gore setshaba se nne bontlha bongwe jo bo thusang go diragatsa maikaeleo a puso mo dikgaolwaneng tsa bone.
A re seo, se ka kgonagala fa botlhe ba ba nnileng lesego ka go bona dithuso tsa madi go simolodisa dikgwebo go dira ka natla go di bapatsa.
A re go katologa ga dikgwebo tsa bone go ka ba kgontshan go thapa banana ba ba kailang mo mebileng ka ntata ya go tlhoka go tsenya diatla gope.
le fa go le jalo, o ne a gwetlha banana go emisa mokgwa wa go neela tshwene marapo ba lebile goromente gore a ba thape, a ba gwetlha go tlhagafalela mananeo a ba a neelwang go a dirisa ka fa tshwanelong gore ba kgone go itshetsa le ba malwapa a bone, imolola puso morwalo.
O ne gape a gwetlha banni ba dikgaolo go netefatsa gore ba tsosolosa mowa wa boipelego ka go tsosolola dithulaganyo tsa ngwao jaaka melaletsa.
Mo go tse dingwe, o ne a supa fa lefatshe leno le bopilwe ka diphathi tsa sepolotiki tse di farologanyeng, mme a gwetlha setshaba go seke se letlelela dipharologanyo tseo go ba tsenya phefo ka jaana a re seo, se tla a kgoreletsa ledula le lefatshe leno le tumileng ka lone.
Fa a tswa la gagwe, Mookamela ofisi ya Citizen Entrepreneurial Development Agency (CEDA) kwa Hukuntsi, Rre Tuelo Rabaloi, o ne a supa fa kgaolo ya Kgalagadi Bokone e le nngwe ya dikgaolo tse di gateletsweng mo go tsa itsholelo, le fa a re bontsi bo santse bo ikaegile ka thuo ya leruo e a supileng fa le yone e sa nametse.
A re nako e gorogile ya gore ba bofe ditlhako ba kope dithuso kwa diofising tsa bone go tlhabolola thuo ya bone go nna ya boleng jo bo rileng jo bo ka phadisanyang kwa mebarakeng e e farologanyeng.
A re le ntswa kgaolo eno, e lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le ya letlhoko la metsi le phulo, o ne a ba gwetlha go inaakanya le go tswakanya mohama wa temo thuo ka go tla ka methale e mesha jaaka go lema manoko le dinawa tse ka tsone a tlhalositseng fa dipatlisiso di supa fa di kgona go emelana le diemo tsa loapi la kgaolo.
O ne a tlatsa ka gore ba ka sekaseka le gone go ka simolodisa madirelo a a itebagantseng le go dira metswako ka di bapalwa nageng tse di bonwang mo kgaolong ya bone a re seo, se ka thusa mo go tsosoloseng itsholelelo ya kgaolo.
Rre Gift Masake wa Hukuntsi, o ne a lebogela phatlalatso ya ikananiso ya ga Tautona ka maranyane.
A re mo dingwageng tse di fetileng, ba ntse ba itse fa tiro eo e le ya Gaborone hela.
O ne a supa fa ba eletsa fa puso e ka tsibogela dikgang tsa letlhoko la metsi mo kgaolong ya Kgalagadi ka jaana ba tshelela mo lenyoreng ga mmogo le leruo la bone.
O ne a supa gape fa maduo a thuto mo kgaolong a sa jese diwelang, ka jalo a kopa gore puso e tsibogele kgang ya go simolodisa dithuto tsa di teme tsa merafe, a re seo, se ka fetola seemo sa thuto mo dikgaolong tsa bone.
Mo go tse dingwe o ne a lela ka tlhaelo ya lefatshe a supa fa mo kgaolong ya bone, mafelo a diphologolo a seegetswe sekidi se segolwane thata, ka jaana gape a atamalane thata le mafelo a bonno a re seo, se felela se baka kgotlhang fa gare ga batho le diphologolo.
O ne a kopa puso go tsibogela kgang ya go atolosa mafelo a diphologolo le bonno go bipa seemo sa dikgotlhang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : HUKUNTSI
Event : POTSOLOTSO
Date : 03 Nov 2019