Pula e ganyaola dihutshane kwa Mahetlwe
03 Nov 2019
Puo e e reng “pula madira dintle madira di botlhoko” e ka tlhaloganngwa botoka ke barui ba Mahetlwe kwa kgaolong ya Kweneng.
Bangwe ba barui ba ne ba sala ba itshopere morago ga go gosomana ga pula e e tlogetseng dihutshane di ka tshwara masome marataro di sule ka Labotlhano bosigo.
Mongwe wa barui ba ba amegileng ke Kgosi Okana Lesole wa kgotla ya Seleba kwa Mhetlwe.
A re le ntswa pula e ne e le ee namagadi, bothata e nnile gore e ne ya dira serame se ba dumelang se amile leruo la bone le le neng le setse le tlhofofetse mo nameng.
Kgosi Lesole a re boitumelo jwa go lebogela go na ga pula bo ne jwa phirimisiwa ke tatlhegelo ya dihutshane di le masome mabedi le bone tse bontsi jwa tsone e neng ele dipotsane.
A re seru seo se sala morago bothata jo bo ntseng bo mo apere jwa go swelwa ke dikgomo tse some mo sebakeng sa kgwedi fa tse dingwe tse tharo di paleletswe mo nageng mme a sena tsholofelo mo go tsone
O supile fa ba ntse ba le mo seemong sa go tlelwa ke boitlhobogo ka fa leruo la bone le neng le tlhofofetseng ka teng le kwelo tlase ya seemo sa phulo se se tsweletseng ka go bifela pele.
A re le fa go ntse jalo ba na le tsholofelo ya gore go na ga pula eo go tla lere tse di molemo go tokafatsa seemo sa phulo.
Mme Mositli Seleba o begile go amega ga dihutshane di le lesome le borataro, tse mo go tsone go neng go setse go sule tse nne, fa tse dingwe tse nne dine di kgaratlha ka bothata, mme a na le tsholofelo mo go di ferabobedi tse dingwe tsa tsone di neng di kgona go ikemeletsa.
“Re ne ra nametsega dipelo ka gona ga pula, ka tsholofelo ya gore e re tlisetsa tse di molemo, mme re maswabi gore phularong ya yone re bo re lela sa khuranyo ya meno”, Mme Seleba a tlhalosa.
Morui yo mongwe wa masimo a Motlhaba-wa-Lehuma, Rre Mogorosi Koboyakgomo ene o swetswe ke dipotsane di ferabobedi.
Rre Koboyakgomo o ne a kuela dihutshane tse nne tsa baagisanyi ba mo nakong eo ba neng ba seyo go arabela tsa malwapa a bone.
E re le fa seemo se ntse jalo, go na le poifo ya gore dipalo tsa leruo le le katswang le amegileng mo kgolong ya Mokwena di bo di ile magoletsa thata go ya ka tebego ya leruo le ka fa naga e gotlhegileng ka teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : MAHETLWE
Event : POTSOLOTSO
Date : 03 Nov 2019