Tshwaragano ke yone tsela mo kgodisong ya mosetsana
03 Nov 2019
Kgosi Kgolo wa Balete, Kgosi Mosadi, a re tshwaragano ya setshaba e ka thusa go tla ka mananeo go tlhabolola ngwana wa mosetsana.
Kgosi Mosadi o buile se ka moletlo wa go ipelela letsatsi la mafatshe-fatshe la ngwana wa mosetsana le go simolodisa semmuso komiti ya bong ya kgaolo ya Kweneng.
O tlhalositse gore go rotloetsa popagano ya setshaba go ka aga malwapa a a nang le bokao go thusa go godisa ngwana wa mosetsana. Kgosi kgolo a re ke tshwanelo ya malwapa go godisa ngwana wa mosetsana ka a tshabelelwa ke dikgwetlho tsa botshelo.
“A re tseyeng tsia dikgang tse ka di thusa go sekaseka seemo sa matshelo a ngwana wa mosetsana ka go thusa go bopa ditsamaiso tse di ka re thusang go tokafatsa seemo sa kgodiso ya ngwana wa mosetsana”, ga gakolola Kgosi Mosadi.
Kgosi Mosadi o gateletse botlhokwa jwa go lwantsha kgethololo ee bakwang ke tsa setso, ka go rotloetsa ngwana wa mosetsana go dira ka bokgoni jwa gagwe e seng se se batlwang ke tikologo e a tshelelang mo go yone. E rile a bua mo boemong jwa ngwana wa mosetsana, Mme Julia Mosikari a bolela fa ngwana wa mosetsana e le ene a dirang boikgethelo ka se a eletsang go se tshela. “Boikgethelo ke jwa rona re le bana ba basetsana, ka jalo a re se itetle go faposiwa mo tseleng ke dikgang tse di ka re senyetsang bokamoso mme re tsepame mo go tse di molemo”, ga gakolola Mme Mosikari. Mothusa mokwaledi mo lephateng la Botsogo le Boitekanelo, Rre Moses Keetile, ene a re ba tsweletse ka maiteko a go tsolosa tsamaiso ya sekolo sa ba-na-le-bogole ba sekolo sa Annestine se a supileng se ntse se aperwe ke ditsamaiso tse di sokameng tse di batlileng di felela ka go lathegelwa ke dithoto tsa madimadi.
Rre Keetile o kgothaditse Bakwena go ema nokeng sekolo sa Annestine go hema tatlhegelo ya dithoto mo go ka bakwang ke go tlhoka tsamaiso.
O supile fa thulaganyo ya go tlhopa lekgotla le le tsamamisang sekolo e tlaa dirwa kgwedi ya Ngwanatsele e le lesome le boraro , ka jalo a ikuela gore go sekasekwe batho ba ba nonofileng ba iteisanya borathana go busetsa serodumo sa sekolo seo.
O tlhalositse fa puso e thusa sekolo sa Annestine ka P3 million ngwaga le ngwaga, ka jalo a supa fa madi a o a tlhoka botsamamisi jo bo nonofileng go ka a sireletsa le go netefatsa gore a dirisetswa tse di maleba.
Kgosi kgolo wa Bakwena, Kgosi Kgari Sechele III, o kgothaditse morafe go amogela le go tsaya tsia ipelo ya letsatsi la mafatshefatshe la ngwana wa mosetsana ka jaana le thusa go tsibosa le go amogela melaetsago fetola dikgang tsa kgodiso ya ngwana wa mosetsana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : MOLEPOLOLE
Event : moletlo wa go ipelela letsatsi la mafatshe-fatshe la ngwana wa mosetsana
Date : 03 Nov 2019