Breaking News

Mmabontle o itlama go bereka le banana ba Tobane

03 Nov 2019

Kgosi wa Tobane, Kgosi Nametsegang Motlhasedi, a re go a supega gore motse wa gagwe o tshwere talente.

Kgosi Motlhasedi o buile se morago ga go kopana le Mme Maureen Mothuba, yo o neng ya re bosheng a gapa korone ya mmabontle wa bomme ba ba nyetsweng.

Mme Mothuba o ne a etetse kwa Tobane go ya go dumedisa bogosi le morafe.

Kgosi Motlhasedi o ne a supa fa mo ngwageng tse pedi tse di fetileng go ne ga nna le ngwana wa Tobane yo o neng a gapa maemo a ntlha gape e ntse e le mo kgaisanong eo.

A re ga go gakgamatse go bona Mme Mothuba le ene a dirile bontle, a re se se supa boineelo le bokgoni jwa bana ba Tobane.

Le fa gontse jalo, o ne a supa matshwenyego a go tlhoka go tsena diphuthego ga banana, a re ke nako ya gore ba ka bo ba ne ba ya go amogela molekane wa bone gore ba kgone go amogana maele le ene.

Fa a rola maitlamo a gagwe, Mme Mothuba yo o dingwaga tse di masome mararo le bosupa, o ne a tlhalosa fa keletso ya gagwe e le go bereka le bomme ba ba nyetsweng le banana lefatshe ka bophara.

A re malwapa a banana ka bontsi a tshabelelwa ke go thubega ka mabaka a go tsaya ditshwetso tse di seng maleba.

 A re o tlaa dira ka bojotlhe e le Mma Botswana go bereka le ba ba maleba go fokotsa go phatlalala ga malwapa.

Mme Mothuba o ne a supa fa bomme ba banana ba gateletswe ke lehuma ka bontsi jwa bone ba tshola bana ba ba senang batlhokomedi.

Le fa go ntse jalo, o ne a kopa banni ba Tobane go mmaya mo dithapelong ka e tlaa re ka kgwedi ya Sedimonthole a bo a tsene dikgaisano tsa go nna jalo kwa lefatsheng la China.

Mokhanselara wa Tshokwe-Robelela, Rre Dintelo Mosweunyane o ne a rotloetsa banana go dirisa sebaka se Mme Mothuba a se ba neetseng go fetola matshelo a bone.

Rre Mosweunyane o ne a kgothatsa dingwetsi tsa motse wa Tobane go tlhama mokgatlho o ba tlaa berekang mmogo gore ba nne lentswe le le lengwefela go aga bana ba ba tswang kwa tlase go nna bomme ba ba nang le boikarabelo.

O lebogile ba ba neng ba tswa ka mogopolo wa go dira kgaisano ya go nna jaana a re lelwapa ke boremelelo jwa kgodiso ya ngwana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : TOBANE

Event : Bokopano

Date : 03 Nov 2019