Breaking News

Kereke e akgolelwa go aga ntlo

03 Nov 2019

Mothusa molaodi wa Maun, Rre Sedikwa Motshipi, o akgoletse kereke ya UCCSA go supa mowa wa kutlwelobotlhoko. 

Rre Motshipi o buile seo kwa Maun ka Matlhatso fa kereke e ne e abela Mme Kelejwang Mhaladi wa kgotla ya Maphane ntlo.

 Ntlo eo e na le dikamore tsa kamogelo baeng, borobalo, maapeelo, matlhapelo le ntlwana ya boitiketso.

O ne a akgolela maloko go tsenya letsogo mo kagong eo, mme a ba kgothatsa go tswelela ka mowa o montle oo, a re go thusa yoo tlhokileng lesego ke go ikopela masego mo Modimong.

A e re se ba se dirileng se botlhokwa thata ka se busetsa seriti mo go yo o abetsweng.

Mothusa molaodi a re go bo Mme Mhaladi a agetswe ntlo eo ke ka lesego la Modimo ka e se motlhoki wa ntlha mo kgaolong eo, mme a re ba bantsi ga ba ise ba kopane le lone lesego leo.

Rre Motshipi o ne a kopa bana ba ga Mme Mhaladi go mo thusa go tlhokomela ntlo eo ka jaana ene a setse a godile. O ne a gakolola  gore ntlo eo e seka ya rekisa. E rile a ntsha la gagwe, Mme Mhaladi, yoo dingwaga di 91, a bolela fa a itumetse thata, mme a re Modimo ke one o obonyeng fa a tshwanelwa ke mpho ya go nna jalo, e bile a tlhalosa fa a sale a nnile leloko la kereke ya UCCSA go tsweng kgakgala.

Mongwe wa maloko a kereke eo, Mme Wame Hambira, a re maloko a ne a ikaegile thata ka lefoko la Modimo, mme e bile ba batla go dira sengwe le sengwe se se ikaegileng ka lefoko la gagwe.

A re ka go lemoga gore bangwe ga ba na diphitlhelelo tse bone ba nang le tsone, ba ne ba tsenya letsogo go thusa Mme Mhaladi ka go mo agela ntlo eo.

A re ba simolotse tiro eo ka 2014, mme ka ene e se tiro e e motlhofo segolo jang ka ba ne ba e simololela mo legoeleleng e ne ya tsaya nako e telele go fitlhela gompieno jaanong ba dumela gore ba feditse le ntswa e sa wela sentle.

 Moruti Rre Boikobo Nthobatsang o ne a bolela ka fa kereke ya UCCSA e simolotseng ka teng le kwa e tswang teng a re e tswa bogologolong e santse e le Lontone, mme a re e ne ya fetolwa ka ngwaga wa 1967 ya nna UCCSA mme a re e mo dingwageng tsa bo masome a matlhano le boraro. A re ke kereke eo e na le dikole le dikokelo, e bile e inaakantse le go a ga motho ka boene. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : MAUN

Event : Kabo mpho

Date : 03 Nov 2019