Kgosi Sechele o lebogela madi a ditlhabololo
31 Oct 2019
Kgosi Mosikare Sechele wa Sechele mo kgaolong ya Bokone Botlhaba a re o itumelela lenaneo la madi a ditlhabololo tsa dikgaolo ka le tsisitse ditlhabololo mo motseng wa gagwe.
Mo potsolosong le BOPA, Kgosi Sechele o tlhalositse fa lenaneo le le tsosolosa serodumo sa metse ka jaana mo nakong e e fetileng dikomiti tsa ditlhabololo di ne di sa kgone go tlhabolola metse ka bo nosi.
Kgosi o iteetse legofi puso ka go simolodisa lenaneo le, a re ka lone ba kgonne go aga ntlo ya boroko ya LA2 e mo nakong ya gompieno e nnang modirelapuso.
A re go le gantsi badirelapuso ba tlhaelelwa matlo a boroko mo metseng ka ntlha ya gore matlo a komiti ya ditlhabololo ga a lekane.
Kgosi Sechele o supile gape fa ba na le maikaelelo a go aga sekole sa bananyana mo motseng mo setsheng sa bone se ba se abetsweng ke khansele go tsisa ditlhabololo.
O buile fa khansele ya Bokone Botlhaba e amogetse moalo wa sekolo seo, mme mo nakong ya gompieno ba emetse go abela yo o tlaa se agang tiro e.
Kgosi a re sekole sa bone se sebotlana ga se na mophato wa tonto tshipidi, ka jalo ba lemogile go le botlhokwa go thusa puso ka go ikagela sekole se se tlaa lootsang bananyana pele ga ba ya kwa mophatong wa bongwe.
O tlhalositse fa ba kopile gape go agelwa lebala la itloso bodutu le metshameko le le tlaa tsenyang madi mo letloleng la motse.
A re go le gantsi mabala a metse a dirisiwa ka nako ya malatsi a boitapoloso a botsalo jwa Morena ka meletlo ya dikatara gape le metshameko e ntse e le yone ya malatsi ao.
Kgosi Sechele a re mabala a metshameko a botlhokwa gongwe le gongwe ka a thusa banana go intsha bodutu le go ikgapha mo mebileng.
Kgosi o gateletse fa ditlhabololo di thusa go tsholetsa seemo sa itsholelo sa bana ba motse ka e le bone ba thapiwang go dira ditiro tse.
Mo go tse dingwe, Kgosi Sechele o lebogetse mananeo a puso a nyeletso lehuma, mme a supa fa mangwe a one a sa dire sentle ka ntlha ya dikgwetlho di tshwana le malwetse a a tlhasetseng dikoko.
O buile fa ditshingwana tsa merogo tsone di sa kgone go itsetsepela ka ntlha ya mogote wa loapi.
O kgothaditse badirelapuso go baya leitlho mananeo fa ba sena go a abela Batswana go tlhomamisa gore a dira sentle.
E re dikgang di eme jalo, go utlwala fa go ne go rena kagiso le thitibalo kwa Sechele ka letsatsi la ditlhopho le malatsi a boitapoloso a a latelang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : Maun
Event : Potsolotso
Date : 31 Oct 2019