Sabata e bontsha ba-na-le bogole lorato
15 Oct 2019
Kgosi Letsogile Molaodi wa Mmadinare o kopile batsadi ba ba santseng ba tswaleletse ba-na-le bogole mo matlong go ba ntshetsa mo pontsheng gore se kgone go ba amogela le gore ba akole dithuso tse di ba lebaneng.
O buile jaana bosheng jaaka maloko a kereke ya Sabata e ne e abela ba-na-le bogole dikoko le dipodi kwa Mmadinare.
Kgosi Molaodi o ne a supa fa kereke ya Sabata e reeditse e bile e diragatsa se puso e se batlang gore setshaba le dikompone di thuse go tlhabolola matshelo a batho ka itsholelo ya lefatshe e ka seka ya kgona go fitlhelela mongwe le mongwe.
Kgosi Molaodi a re lefatshe leno le lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le dikotsi tsa dikoi, dipolaano tsa marato tsa banana le letlhoko la ditiro, ka jalo seabe sa dikereke se tlhokafala go thusa puso go lwantshana le diemo tse.
O ne a galaleletsa kereke eo mowa wa bone wa kutlwelobotlhoko mo go ba ba seng lesego.
E rile a ala maikaelelo a letsatsi, Moruti Modiri Mokobela yo o neng a rulaganya tiro eo, o ne a supa fa Kereke e setse morago ditiro tse di neng di dirwa ke Jesu Keresete jaaka di senotswe mo Baebeleng.
Moruti Mokobela o ne a supa fa Jesu a ne a sa dire tiro ya thero fela mme a ne a ba abela dimpho tse di neng di fetola matshelo a bone.
O ne a supa fa mogopolo wa go thusa ba ba tlhokang o tsile morago ga bokopano jwa maloko a kereke jo bo tsereng dibeke tse pedi kwa ba neng ba dumalana go ntsha se ba se tshwereng go thusa ba-na-le bogole.
O tlhalosa fa ba ne ba kgona go kgobokanya dipodi di le lesome le phelefu, dikoko di le masome a mane tse di neng tsa abelwa ba ba maleba.
Moruti Mokobela a re ba ne ba dira dithulaganyo tsotlhe jaaka go rerisana le bogogi jwa motse bo tshwana le magosi le ba boipelego go ba neela maina a ba ba tshwanelwang ke go thusiwa.
Mongwe wa bagolo ba kereke, Moruti Edward Keofithile o ne a supa fa kereke ya Sabata e tswa kgakala e aba dimpho di tshwana le melora le diaparo, mme mo nakong ya gompieno ba bone go le botlhokwa go aba leruo le batho ba ka kgonang go ithusa ka lone mo nakong e e tlang.
Moruti Keofithile a re ka fa dikereke di tsweletseng ka go thusa puso go tlhokomela setshaba ka teng, go supa kgolo ya sekeresete mo lefatsheng la Botswana, mme a kgothatsa maSabata go tsweledisa mowa wa lorato.
O ne gape a kgothatsa ba ba maleba go tlhomamisa gore dimpho di tsena mo matsogong a beng ba tsone, e bile ba ba abetsweng ba tlhokomela se ba se filweng gore di ntsifale. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : MMADINARE
Event : Moletlo wa kabo dimpho
Date : 15 Oct 2019