Breaking News

Botswana Open University e abela bana

15 Oct 2019

Ba Botswana Open University (BOU) ba abetse bana ba sekole se segolwane sa Mphuthe kwa Letlhakeng ba ba nnang mo sekoleng dimpho tsa madi a a ka tshwarang P40 000.

E rile a amogela baeng, mogokgo wa sekole seo, Rre Neshack Sechele, a supa fa ba itumeletse mpho eo thata.

A re sekole se, se se amogelang bana ba metse ya Ditshegwane, Sesung, Metsibotlhoko le Serinane, ke sengwe sa tse di kgakala le ditlamelo, ka jalo se na le dikgwetlho tse dintsi.

Mogokgo o tlhalositse fa ba ntse ba sokola thata ka kgang ya maduo a a bokoa, a tlhalosa fa e rile ka 2017, maduo a bo a le kwa tlase ka 19 per cent, mme ngogola ba tsere 29 per cent.

O tlhalosistse fa monongwaga ba ipeeetse seelo sa 40 per cent, mme ba solofela fa dimpho di tlaa ba thusa go fitlhelela maikaelelo a bone.

Mogokgo wa BOU, Dr Daniel Tau o ne a supa fa e le tlotla e kgolo gore ba sekole sa Mphuthe ba bo ba dumetse gore ba ba abele dimpho.

O tlhalositse fa Botswana Open University e ne e bidiwa BOCODOL pele, mme ba nna le tebelopele ya gore fa lefatshe leno le ipelela dingwaga tse di masome a matlhano le ipusa, sekole sone se bo se fetola dithuto, go fa Batswana monyetla wa go ikoketsa dithuto.

Dr Tau o kopile bana go tlhoafalela dithuto tsa bone, mme fa ba sa dira sentle ba ikgolaganye le ba Botswana Open University gore ba tsweledise dithuto tsa bone.

O tlhalositse fa ba batla gore Motswana mongwe le mongwe a tswelele a ithute le fa a bereka.

O boletse fa dikole tsa dikgaolo tsa Kweneng Bophirima, Bokone Bophirima le Kgalagadi di sa dire sentle, ke sone se ba ikgolagantseng le sekole sa Mphuthe go ba thusa bothata jo ba nang le jone.

O tlhalositse fa nngwe ya dilo tse di dirang gore bana ba seka ba dira sentle e le lehuma, ka jaana batsadi ba sena itsholelo e e kalo.

O tlhalositse fa lengwe la mabaka a go abela bana e le gore ba tle ba tsepame mo dithutong tsa bone, ba sa akanye tse ba di tlhokang fa ba ntse ba kwala.

Dimpho tse di abilweng e ne e le melora e e tlhapang le ya meno, le maratshe a meno, dibaselapa le mesangwana ya basetsanyana.

Mothusa mogokgo wa sekole sa Mphuthe, Mme Kedumetse Mokganele o ne a supa fa ba itumeletse dimpho tseo ka jaana ba BOU ba arabile mangwe a matshwenyego a ba nang le one.

O supile fa bana ba felelwa ke melora fa dikole di ise di tswalwe, mme ka ntlha ya seo bana ba felele ba utswela ba bangwe.

O supile fa gape dimpho tseo di tlaa rarabolola kgang ya go ikopa ga bana go ya go kopa madi a melora kwa batsading. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : KABO DIMPHO

Date : 15 Oct 2019