Breaking News

Ngwana ke kgomo ya motlhakanelwa

16 Oct 2019

Batsadi ba tshwanetse go emisa mokgwa wa go supa puso ka monwana fa ba bona maduo a bana a thuto a ile kwa tlase.

Mogolwane wa tsa ditlhaeletsanyo (Botswana Telecommunication Corporation) Rre Gabalemogwe Rankgate a re o buile jalo ka Labotlhano kwa sekoleng se segolwane sa Sefhare kwa moletlong wa go abela bana dimpho tsa thotloetso ya go ntsha maduo.

A re mongwe le mongwe o tshwanetse a ipotsa gore ene seabe sa gagwe mo thutong ya ngwana wa gagwe ke eng le gore ene mo thutong ya lefatshe, o tsere karolo efe go tokafatsa maduo a thuto.

A re mo nakong eno, mongwe le mongwe o tshwanetse go ititaya ka thupana mo thotloetsong ya thuto, ka gore lefatshe leno le mo phadisanyong ya mafatshefatshe ya thutego le ditlhabololo.

Rre Rankgate a re go botlhokwa gore motsadi mongwe le mongwe a nne a etela kwa sekoleng se ngwana wa gagwe a tsenang kwa go sone, a ye go bona maduo a ngwana ka gore go ka mo thusa gore a kgone go buisana le morutabana ka bothata jo bo ka tswang bo kgoreletsa ngwana gore a dire sentle mo sekoleng.

Rre Rankgate o lebogetse go bona batsadi ba tsile ka makatlanamane kwa tirong ya bana ya sekole.

A re gantsi batsadi ba itlhokomolosa bana, mo go felelang go kgoba le bone bartutabana marapo.

E rile a bua le bana, a re thuto ke teemane e e ka isang bana kwa botshelong jo bontle, ka jalo ba tshwanetse ba e tsaya ka tlhoafalo.

A re ngwana yo o tshamekang a sa ithute ka tlhoafalo a itse gore o tlaa roba se a se jwetseng.

A re fa ngwana a itira tsebe se utlwe fa go buiwa le ene ka thuto, kana a diiwa ke go nwa bojalwa, ba bangwe ba ile sekoleng, maduo a gagwe a ya go koafala fela thata.

Mogokgo wa sekole seo, Rre Bauni Phuthego o ne a bolela gore sekole sa bone se na le bana ba le bantsi, mme bothata ke letlhoko la didirisiwa.

A re le fa ba leka go bona gore ba ka dira jang gore dinne teng, go santse go le thatanyana.

O ne a bolela gore sekole sa bone se tsere 46,6 per cent mo ditlhatlhobong tsa makgaolakgang.

Se sengwe se se tshwenyang mo sekoleng seo ke go tlhoka tsebe ga bana ba basimane.

A re o solofela gore ba tlaa fetola seemo seo ka tshwaragano le batsadi. Modulasitilo wa lekgotla la batsadi le barutabana, Rre Tekolo Gosego a re bone e le ba komiti, ba tshwenngwa ke gore bana mo sekoleng sa bone gantsi ba palelwa thata ke thuto ya Setswana, mme ga ba itse gore mathata ke eng.

A re ba santse ba leka go tlhotlhomisa go bona gore matsapa di a tsaya kae. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Selinah Samson

Location : PALAPYE

Event : Moletlo wa kabo dimpho

Date : 16 Oct 2019