Breaking News

Se diriseng melemo e e sa tlhatlhobiwang

15 Oct 2019

Mogolwane go tswa kwa Botswana Medicines Regulatory Authority (BOMRA), Mme Lowabo Seganabeng a re ga go a tshwanela go reka melemo e e sa tlhatlhojwang e bile e sena setlankana.

Melemo eo e ka tswa e le e e itshasiwang kana e e nowang kana ya leruo.

Mme Seganabeng o buile jaana  kwa dithutong tse ba neng ba di tshwere kwa Mongala Mall kwa Kanye bosheng.

Bontsi jwa melemo ya go nna jalo a re ga e a siamela batho le leruo e bile ga go na ope yo o tshwanetseng go rekisa melemo ya go nna jalo.

A re ope yo o ka fitlhelwang a rekisa melemo ya go nna jalo o tlaa tseelwa dikgato tse di gagametseng.

O kopile setshaba go itsese BOMRA fa ba itse ope yo o dirang jalo.

Mme Seganabeng o kopile setshaba gore fa ba kile ba dirisa melemo ya go nna jalo, e bile ba itemogela dikai tsa botsogo jo bo bokoa, ba ikatumetse kwa dikokelong le go nna ba itekodisa kwa dikokelon.A re ba seka ba reka melemo e e sa supeng lobaka lwa yone lwa tiriso.

Mme Seganabeng o kopile batsadi go ela banana tlhoko fa ba anwa dino tsididi gore a ga ba di kopanye le melemo e e tagang.

A re banana ba go nna jalo ba lemogwa ka boitsholo.

O boletse fa BOMRA e le lekalana le le ikemetse le le tlhamilwe ke lephata la botsogo le boitekanelo go tlhatlhoba melemo ya batho le leruo.

Rre Isaac Boiditswe wa Green Card Arts a re mengwe ya melemo e e rekwang mo bathong e borai mo matshelong le diruiwa.

Rre Boiditswe a re mengwe ya melemo, bogolo jang e e itshasiwang, e kgona go dira motho mebala e mebedi e bile e kgona go lwatsa mme a kopa setshaba go ikela tlhoko. BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : KANYE

Event : Dithuto

Date : 15 Oct 2019