Agang malwapa a anang le bokao
15 Oct 2019
Mothusa kgosi wa Bakwena, Kgosi Lawrence Mhaladi a re go botlhokwa go aga malwapa a a nang le bokao gore kgalemo le tlhabololo ya morafe e nne konokono.
E rile a bua mo moletlong wa go ipelela go tlhongwa ga ga Kgosi Mokgalo Mothei wa kgotla ya Legonono mo Molepolole, Kgosi Mhaladi a supa fa thuto mo malwapeng a baeteledipele ba akaretsa magosi e le botlhokwa thata gore lefoko la bone le kgone go agelwa mosako.
A re seo se tshwanetse go bonala thata mo kgodisong ya bana, gore morafe o kgone go ithuta ka botlhokwa jwa go bopa setshaba se se nang le bokao le tsamaiso ya motia.
“A bana ba rona le tsamaiso ya malwapa e nne tse di ka thusang go godisa serodumo sa lelwapa la bogosi ka go nna le bokao gore re ntshe lefoko la kgalemo re kanotse dihuba,’’ ga tlhagisa mothusa kgosi.
Gape Kgosi Mhaladi o ntshitse kgalemo ka seemo sa go inaakanya le dipolotiki ga magosi. A re ga go na pelaelo gore lefatshe leno le tsamaisiwa ke sepolitiki, ‘mme ka re a ba tlotlwe, go dirwe nabo go agoga ditlhabololo tsa lefatse leno, re sa inaakanye le dikgang tsa bone ka go tsaya matlhakore,” ga gakolola Kgosi Mhaladi.
O ne a ikuela mo bathong ba Legonono go thusa go aga ofisi tsa kgotla fa ba sa ntse ba letile tsamaiso e e motsopodia ya puso ya go ajwa ga ditiro tsa ditlhabololo.
O gakolotse gape gore setilo sa bogosi se seka sa lebatsa Kgosi Mothei setho sa go tlotla motho gore a kgone go tlotlwa ke botlhe.
Kgosi Mhaladi o gakolotse morafe go ema nokeng Kgosi Mothei, ka go supa fa botlhale bope jo a nang najo bo ka seke bo bonale fa ba gogela kwa thoko, ba sa mo gakolole.
O ne a gakolola a re, “A re lemogeng molelwane o o teng ka go tlhaloganya fa kgosi ka maemo a gagwe e le leloko la VDC, mme VDC yone e sa tsamaise ofisi ya bogosi. Dikgang tseo re di bona di diragala mo mangweng a makgotlana a rona, mme re tshwanetse go di kgala thata ka jaana di sokamisa tsamaiso ya bogosi.”
Fa a kgothatsa, mopalamente wa pele wa Molepolole Borwa, Dr Tlamelo Mmatli o rotloeditse mowa wa lorato, neelano le tlotlano mo morafeng le setilo sa bogosi.
O tlhalositse fa morafe o ka kgona toro ya go tlhabolola metse fa o dira o le seoposengwe, ka go supa fa dipharologanyo di ka kgoreletsa maikaelelo a go tlhabolola morafe.
O ne a lekodisa morafe ka kago e e solofetsweng ya sekole se sebotlana kwa Legonono pele ga lenaneo la ditlhabololo tsa dikgaolo la boferabobedi le wela.
Kgosi Sabata Ranthoi wa Steken-Hill o gateletse botlokwa jwa go tlotla le go gakolola kgosi ke morafe, mme go dirwa jalo a sa thelelelwe dithupa.
Malomaa kgosi, Rre Mompati Koboyatshwene, a re bo leng teng jwa kgosi jaaka tlhogo ya morafe bo ka thusa go lomaganya le go bopa morafe, fela fa go na le neelano le ba ba eteletseng pele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Batlotli
Location : MOLEPOLOLE
Event : Moletlo wa go ipelela go tlhongwa ga ga Kgosi
Date : 15 Oct 2019