Breaking News

Dikgomo ga di a siamela masimo

15 Oct 2019

Modusetilo wa lenaneo la go agelela masimo la Mmashoro Cluster Fence, Rre Tebelelo Kebasiile a re o tshwenngwa ke barui bangwe ba ba gananang le kopo ya gore ba ntshe leruo mo teng ga masimo a lenaneo la cluster fencing.

Fa a bua kwa moletlong wa go rolela balemi ba Mmashoro Cluster Fence ba ba ikopantseng ba le 150 terata semmuso ke lephata la Tlhabololo Temo-Thuo le Tlhomamiso Dijo bosheng, Rre Kebasiile a re balemi ba Mmashoro Cluster Fence ba ruela mo teng ga masimo mme seo e ne e se tumalano mo molao- motheong wa bone.

A re fa go dumalanwa ka terata ke beng ba masimo a a agelelwang, go ne ga gakololwa gore go ntshiwe dikgomo gore go seka ga kgorelediwa temo mme seo ga se diragale.

O ne a supa fa ka nako ya temo ba senyediwa ke leruo la bangwe mme e re ba ba lopa dituelo ba bo ba sa dumelane.

Ka jalo, Rre Kebasiile o ne a supa fa a sa itumelele gore terata e bo e le mo seemong se se sa itumediseng ka e ne ya senngwa ke ditlou le batho bangwe.

A re Lephata la Temo-Thuo le tsere tshwetso e e maleba ka bangwe ba ne ba sa tlhokomele terata ba e bitsa ya puso.

A re o na le tsholofelo ya gore e tlaa re ba sena go neelwa terata semmuso ba bo ba e tlhokomela ka e le ya bone.

Rre Kemoagetse Pono go tswa kwa khamphaneng e e dirang menontshane ya Boost-Link, o ne a gakolola balemi ba Mmashoro Cluster Fence go tlhoafalela temo.

A re bontsi jwa balemi bo na le lefatshe le go ka lengwang mo go lone mme ga ba le leme ba le beile fela.

Rre Pono a re lefatshe leno le na le bokgoni jwa go ka itemela la kgona go bona dijo ka mmu wa teng o na le menontshane le metsi a mantsi kwa tlase ga lefatshe.

O rotloeditse balemi go itshwaraganya gore ba leme kana ba adime ba ba nang le bokgoni jwa go lema lefatshe.

A re fa ba sa dire jalo, ba tlaa felela ba supa puso ka monwana mme e sena mathata ka e ba thusa ka mananeo go le mo go bone go bona gore ba ka dira jang go ntsha dijo.

Mogokaganyi wa mananeo a temo-thuo kwa kgaolong ya Legare, Rre Gwilizani Maposa o supile fa go bonala fa bontsi jwa balemi ba Mmashoro Cluster Fence ba sa tlhoafalela temo ka ba sa leme ka mashetla.

A re lefatshe le le ageletsweng ke selekanyo sa diekere di le 6 400 mme 1 307.85 wa teng e le yo o setseng a abetswe balemi ke ba lekgotla la kabo ditsha.

Rre Maposa a re diekere tse 853.37 tsa lefatshe di setse a epilwe go ka dirisiwa fa tse 5 092.15 di ise a ajwe.

O rotloeditse balemi go sala melawana e ba e ipeetseng morago.

A re maloko a Mmashoro Cluster Fence ba na le tshwanelo ya go sekisa yo o tlolang melawana e e beilweng.

Rre Maposa o tsibositse banni ka lenaneo la go adima bagwebi ba ba nang le kgatlhego masimo a mananeo a cluster fence, a bolela fa le setse le simolotse kwa Leshibitse, Mookane, Kgatleng le mafelo a mangwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : MMASHORO

Event : Moletlo wa go rolela balemi ba Mmashoro Cluster Fence

Date : 15 Oct 2019