Raboipelego o rotloetsa magolegwa a go dirisa mananeo
14 Oct 2019
Magolegwa a a gaufi le go gololwa ba rotloeditswe go tsaya mananeo a puso go itshetsa.
Fa a bua kwa thuto-puisanyong e e neng e tshwerwe kwa kgolegelong ya Selebi Phikwe bosheng, Raboipelego wa kgolegelo eo, Rre Lesole
Seikokotelo o ne a re lephata la dikgolegelo ga le a itebaganya fela le tsa itshireletso, mme gape le lebagane le go bopa magolegwa sesha gore e nne batho ba ba nang le boikarabelo le seabe mo go tlhabololeng lefatshe leno.
Rre Seikokotelo a re magolegwa a fiwa dithuto tsa ditiro tsa diatla ka go farologana gore ba kgone go di dirisa go itshetsa fa ba setse ba golotswe.
Mo godimo ga dikitso tse, a re magolegwa a tshwanelwa ke go itse ka mananeo a puso, gore ba kgone ba tsenye dikopo fa ba sena go gololwa, gore le bone ba a akole go tlhabolola matshelo a bone.
O rotloeditse setshaba go amogela magolegwa a pele, gore ba seka ba itlhoboga mme ba tloga ba boelela ba dira melato gape.
O rotloeditse magolegwa a a neng a tswa kwa dikgolegelong tsa Serowe, Bainesdrift, Selebi Phikwe le Machaneng go tsaya dithuto tseo ka tlhoafalo, mme a ba rotloetsa gore ba seka ba boelela melato ka gore fa ba ka dira jalo ba ka tloga ba iphitlhela ba boetse kwa kgolegelong.
Fa a tswa la gagwe, mogolwane kwa Lephateng la Temo-Thuo le Tokafatso Dijo, Rre Pelaelo Jacob o tlhalositse fa lephata leo le na le lenaneo la LIMID, le ka lone ba thusang Batswana ka dipodi, dinku, dikoko, dikolobe, dinotshi le thuo ya ditlhapi.
A re lenaneo leo le fiwa Batswana ba ba senang sepe se ba itshetsang ka sone. O ne a tlhalosa fa ba sa lebelele gore a moikopedi o kile a dira molato kgotsa nnyaa.
Rre Julius Modikwa go tswa kwa lephateng la dikgwa ene o tlhalositse fa sekgwa se humile dilo tse dintsi tse Batswana ba ka di dirisang go itshetsa jaaka dikgong, bojang, phane ga mmogo le melemo ya Setswana.
A re le fa go ntse jalo, Batswana ba tshwanetse go kopa teseletso pele kwa go ba dikgwa.
O tlhalosa fa ba lefisa madi a a kanang ka P52 go ntsha teseletso ya kgwedi.
O ba rotloeditse gore ba seka ba dira dikgwebo tse di tshwanang, gore ba kgone go bona dipoelo, mme a ba lemotsha gape le botlhokwa jwa go somarela di-tsa tlholego.
Phuthego e ne e tshwerwe ka setlhogo se se reng; Re Gatela Pele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Thuto-puisanyong
Date : 14 Oct 2019