Breaking News

Umbrella e kgathala ka matshelo a batho - Boko

14 Oct 2019

Moeteledipele wa phathi ya Umbrella for Democratic Change (UDC) Rre Duma Boko o kopile batlhophi ba Letlhakeng/Lephepe go itsaya ka tlhoafalo le go rekegela seriti sa bone.

A re ba tlhoka kemedi e e kgathalang ka matshelo a batho, selo se phathi ya gagwe e dumelang mo go sone.

Fa a rola ntlhopheng wa bopalamente Rre Ontatlhile Selatlho le bontlhopheng ba makhanselara ba kgaolo eo ka Matlhatso kwa Letlhakeng Rre Boko o ne a re ba ka fetola matshelo a bone ka go tlhopha baemi ba phathi beke e e tlang.

Moeteledipele wa UDC o tlhalositse gore o tshwentswe ke gore Letlhakeng/Lephepe e aparetswe ke lehuma le le ngomolang pelo e bile morafe wa kgaolo eo bontsi ga o bereke.

Rre Boko o ne a supa gore ga go na Motswana ope yo o tshwanetseng go sotlega kgotsa go tlhoka tiro mo lefatsheng leno, ka le humile bobe.

A re go le gantsi bagolo ba sotlegela kwa Ipelegeng  ba duelwa dituelo tse di kwa tlase.

Moeteledipele wa UDC o ne a re fa ba tsaya puso, bagolo ba tlaa atswiwa ka P1 500 kgwedi le kgwedi.

O tsweletse a re mo pusong e e tlaa bong e eteletswe pele ke phathi ya gagwe bagolo bao ba tlaa nna kwa malwapeng ba tlhokomela bana ba bana.

O ne a supa gape gore babereki ba lefatshe leno ba duelwa dituelo tsa bokgoba.

Rre Boko a re babereki ba tshwanetswe ke dituelo tse di fang seriti, ke ka moo phathi ya gagwe e solofetsang go duela babereki madi a a seng kwa tlase ga ga P3 000 gore bone ba ba kwa tlase ba kgone go itshetsa.

Ya re fa a laya bontlhopheng, Rre Boko a gatelela gore kgaolo e tlhoka kemedi e e kgathalang ka matshelo a batho.  

A re phathi ya gagwe e gatelela gore ga o kake wa tlhabolola lefatshe o sa tlhabolola motho.

O laetse bontlhopheng gore ba tshwanetse go ya go emela dikeletso tsa batho.

A re moeteledipele ga a boi, ga e re a kopana le dikgwetlho a bo a sia.

A re moeteledipele wa motia ke yo o emelelanang le dikgwetlho.

Fa a tswa la gagwe, Rre Selatlhwa o supile fa a amogela thomo e bile a tlaa dira ka gotlhe go emela dikeletso tsa batho ba kgaolo.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : LETLHAKENG

Event : Tholo semmuso ntlhopheng wa phati

Date : 14 Oct 2019