Breaking News

Mmakaseterata o tlaa rola tshekatsheko

14 Oct 2019

Tshekatsheko mo tshekong e mo go yone monna yoo amegang mo metseletselng ya dikgang tsa bogodu jwa leruo di le tlhano, Tshepiso Zulu wa kgotla ya Borakalalo kwa Molepololeng e tla rolwa ke Mmakaseterata Ike Raphael  ka Labotlhano.

Kgang e, ke nngwe ya tse tlhano tse mo go tsone Zulu a lebisitsweng molato wa go utswela Mme Bame Motswari dipodi, dikoko le dithoto di akaretsa dikupu le digarawe kwa masimong a Mmatema-tema kwa Kweneng Phalane a tlhola ga bedi.

Mosekisiwa yo mongwe ke Baagi Setshwantso wa dingwaga tse 46, a tlholega kwa masimong a Dikolakolane teng mo Kweneng. Go bolelwa fa e ne ya re Phatwe a tlhola ga bedi, kwa Mmatema-tema ba utswa dithoto tsa P13 500 tsa ga Mme Montshwari.

Setshwantsho yo le ene a amegang mo dingweng tsa ditsheko tsa bogodu jwa leruo tse di fa pele ga makgotla a ditsheko, o ne a letlelelwa go emela tsheko kwa ntle ka go itlama ka P2 000, go iponatsa mo kgotleng ka malatsi a a beilweng le gore a seka a dira molato o o amanang le borukutlhi fa a letile tsheko, fa ba bosekisi ba sa dumalana le go itoka ga ga Zulu.

Mosekisi wa mmuso mo kgannyeng e, Sub Inspector Barulaganye Tisase, o kopile lekgotla gore mo tshekatshekong ya lone ya boikopelo jwa go leta tsheko kwa ntle ga ga Zulu le ele tlhoko mabaka a gore ga se yo lekgotla le ka mo tshephang ka jaana a tsweletse ka go ikgatholosa ditaelo tsa lekgotla fa a filwe sebaka sa go leta tsheko kwa ntle.

A re Zulu ga a boikanyego e bile o diphatsa mo setshabeng ka o se tlhorontsha ka go se amoga leruo le e leng lone botshelo jwa Motswana, ka jalo a sa tshwanelwa ke go tshela mo gare ga sone.

A re e le ba bosekisi ba ne ba solofetse fa go tshegediwa mo kgolegelong ga ga Zulu ka lobaka go tlaa mo aga, mme jaanong seemo se tsweletse ka go bifela pele ka jaana a sena boitshoko.

Ka jalo o kopile lekgotla go ela tlhoko mokwalo o o ikanetsweng    o o roletsweng lekgotla ke motlhotlhomisi wa tsheko Sub Ispector Thabo Moje, go tlhalosa mabaka a a ka kgoreletsang go leta tsheko kwa ntle ga ga mosekisiwa Zulu ka a santse a lebanywe ke dikgang tse di fa pele ga makgotla a ditsheko.

Le fa go ntse jalo, mmueledi wa mosekisiwa, Rre Yul-Sharar Moncho wa YS Moncho a re Zulu ga a a tshwanela go rontshiwa tshwanelo ya go leta tsheko kwa ntle ka mabaka a e seng nnete a go tlhoka go ithulaganya ga bosekisi.

A re ba bosekisi ba iphetlhela mosekisiwa ka jaana tiego e teng ya dikgang tsa go belaelwa ka bogodu jwa leruo ga mosekisiwa yoo go dirwa ke boitseme jwa bosekisi.

“Ba bosekisi ga ba na mabaka ape a a nonofileng go ka kgoreletsa go emela tsheko kwa ntle ga ga Zulu, ka jaana dikgang tse di teng di tshwanelwa ke go tshololwa ka jaana di le loleya go ka bewa lekgotla pele, ntle le go ikgatholosa tsamaiso ya molao ka go di rola e le dikgang tse disha go na le go di tsosolosa,” ga thalosa Agente Moncho.

Agente Moncho a re ka jalo o kopile Mmakaseterata Raphael go ba letla go ya go ikopela kwa kgotleng kgolo ya ditsheko gore dingwe tsa ditsheko tsa ga Zulu tse di nang le lobaka lwa dingwaga di ka fera bobedi di sa wele di tshololwe ka jaana mosekisiwa a sa direlwa tshiamelo ka ntlha ya tiego e e nnileng teng.

Le fa go ntse jalo, Zulu o atlegile mo go nngwe ya ditsheko tse di fa pele ga ga Mmakaseterata Raphael, e mo go yone go kaegang fa ba bosekisi ba ntshitse mabaka a gore lekgotla le e tshololole ka bosupi bo tlhaela.

Matshwenyego a ga Mmueledi Moncho ke bonya jwa bosekisi go fefosa dikgang tse di tswang bokgakala jwa 2013.

Le fa go ntse jalo, mafoko a ga Rre Moncho a ne a tshwelwa lerole ke motsamaisi wa dingwe tsa dikgang tseo Inspector Future Mojadife ka go supa metseletsele ya go tlosolosiwa ga dikgang tseo, di ama basekisiwa le babueledi ba bone.

O kaile fa mangwe a mabaka a a diileng e nnile go fetola babueledi ga ga Zulu yo mo dikgannyeng tse tlhataro tseo go balelwa le e e tsholotsweng, mme ka jalo a kopa lekgotla go ikgatholosa kopo ya ga Zulu ka jaana e le go iphitlha ka monwana.

Tshekatsheko ya mabaka a ga Agente Moncho go fa baiphemedi sebaka sa go ikuela kwa kgotleng kgolo ya ditsheko e tla reediwa Morule a fera bongwe. BOKHUTLO

 

 

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : MOLEPOLOLE

Event : Tsheko

Date : 14 Oct 2019