Breaking News

Banni ba Thamaga ba itumelela metsi

14 Oct 2019

 Kgosi Gobuamang Gobuamang wa Thamaga a re morafe wa gagwe o itumeletse go boo onwa metsi a a monate a a tswang kwa bokone jwa lefatshe leno.

Kgosi Gobuamang o buile jaana kwa tshimolodisong semmuso ya mafaratlhatlha a ditanka tsa metsi tse di nosang motse wa Thamaga le Moshupa go tswa kwa masimong a Gamononyane kwa go agilweng teng madirelo a a tsayang metsi go tswa bokone ka phaephe e tona go tswa Mmamashia a bo a fetisediwa Thamaga.

Kgosi a re e re ntswa morafe o sa bolo go emela gore mafaratlhatlha ao a a tsamaisang metsi a ise metsi kwa Thamaga, go fela pelo moo jaanong go sutlhegile ka pela mo ditlhaloganyong tsa banni ka jaanong ba anwa metsi a a monate a matamo.

A re metsi ao a goroga le mo malwapeng mangwe a a neng a sa itse metsi.

Ka jalo, o akgoletse puso go diragatsa ditsholofetso ka jaana metsi e le botshelo.

Fa a rola semmuso mafaratlhatlha ao, tona wa Lephata la Metsi, Tlhokomelo Lefatshe le Kgopho ya Metsi a a Leswe, Rre Kefentse Mzwinila o tlhalositse gore e re ka tlhaelo ya metsi e le kgwetlho mo lefatsheng leno e bile seemo se gakadiwa segolo bogolo ke mauba a a diragalang kgapetsakgapetsa, se se baya matshelo a batho mo kotsing.

Ka jalo, o kaile fa tlhaelo ya metsi e tlhoka gore go tsiwe ka methale e e farologaneng go leka go lepalepana le bothata joo.

Tona a re seemo se se pateletsa puso gore mo tsamaong ya nako go tlhakanngwe metsi a didiba le a matamo go nosa batho ka gore metsi a a leng teng ga a lekane selekanyo se se tlhokegang go nosa batho.

O tsweletse a tlhalosa gore mo isagong, puso e na le dikakanyo tsa go tsaya metsi kwa Lesotho kgotsa go ka dirwa diphaephe tse dingwe go tswa kwa nokeng ya Chobe go ralala lefatshe le go tsisa metsi mo borwa ka go bonala fa e le gone kwa tlhaelo ya metsi e leng ntsi thata teng.

A re gongwe metsi a ka tsewa kwa Namibia kwa lewatleng le mo didibeng dingwe mo lefatsheng leno tse di nang le metsi a mantsi di tshwana tsa Masama kgotsa kwa Pallaroad.

Tona Mzwinila o gateletse botlhokwa jwa go batla metswedi e mengwe ya metsi ka go bo seemo se pateletsa gore sengwe se dirwe.
Le fa go ntse jalo, tona o kopile gore go somarelwe metsi le gone go tila tshenyo mo didirisiweng tsotlhe tsa metsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : THAMAGA

Event : tshimolodisong semmuso ya mafaratlhatlha a ditanka

Date : 14 Oct 2019