Ntlo ya asha ya lora Leseanyana la tlhokafala
10 Oct 2019
Mapodisi a Serowe a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone ngwana wa dikgwedi tse nne a neng a tlhokafala morago ga gore ntlo e a neng a robetse mo go yone e kape molelo kwa kgotleng ya Maphakwane gone mo Serowe.
Mookamela mapodisi a Serowe, Superintendent Poloko Oteng a re ba ne ba amogela pego ya gore ntlo nngwe e a sha mme ba ragogela koo.
A re go bonala fa ntlo eo e ne ya sha morago ga go thunya ga sengwe.
A re ka nako ya fa e esha mmaagwe lesea leo o ne a seyo mme rraagwe a leka go mo ntsha mme ga pala.
O tlhalositse fa e ne ya re morago ga go tima molelo ka thuso ya ba setima molelo, ngwana yo o a ragosediwa kwa sepatela mme ga rurifadiwa fa a tlhokafetse.
Suprintendent Oteng a re rraagwe lesea le ene o ne a ragosediwa kwa kokelong ka le ene a ne a lebega a tsenwe ke mosi mme morago a gololwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Mbaeva
Location : SEROWE
Event : Puisano
Date : 10 Oct 2019