Seabe sa bogosi se segolo mo thekisong ya leruo
10 Oct 2019
Batsena thuto-puisanyo ya twantsho bogodu jwa leruo kwa Chobe Bophirima ba re go tlhoka go nna le seabe ga boralophalo le bogosi mo thekisong ya leruo ke gone go rotloetsang bogodu.
Ba re go botlhokwa gore batsaya karolo botlhe ba nne le seabe pele ga thekiso.
E rile ba bua kwa thuto-puisanyong e e neng e rulagantsweng ke mapodisi sa Kachikau ka Labobedi banni ba dumalane ka bongwefela jwa pelo gore ke tshwanelo gore botlhe ba ba amegang ba tsee karolo.
Mongwe wa dibui Rre Sheka Sakoreng a re go tlhoka go nna le seabe ga boralophalo mo thekisong ya leruo go fa magodu sebaka ka ba itse gore fa ba rekisa ga ba tlhokane le setlankana sa tshipi ya leruo.
A re le ntswa kgaolo eo e le ya tlhako le molomo, boralophalo ba ka bo ba tle ba tlhomamise fela gore a thekiso ke e e ka fa molaong.
Rre Francis Maome o ne a re khansele ya Chobe e tshwanetse go tlhomamisa gore bodilo jo go tlhabelwang mo go jone mo metseng bo a dirisiwa go na le gore dikgomo di tlhabelwe kwa merakeng le mo nageng di bo di rekisediwa batho.
A re kwa ntle ga go kganela bogodu jwa leruo seo se ka tlhomamisa gore batho ba ja nama e e siametseng botsogo jwa bone.
O kopile banni ba metse yotlhe mo Chobe Bophirima go tlhomamisa gore metse ya bone e na le masaka a dikgotla kwa go ka rekisediwang teng leruo phatlalatsa. Kgosi Josphat Mwezi wa Kavimba o rotloeditse barui go thapa badisa ba ba itsegeng e bile ba sena metlhala epe ya bogodu.
Kgosi Mwezi a re bangwe mo kgaolong ya Chobe Bophirima ba itlwaeditse go tlhaba leruo bosigo mme a re seo se rotloetsa bogodu.
Rre Chris Kakambi o lebogetse sepodisi sa Kachikau go rulaganya thuto-puisano eo a ba kopa go anamisetsa dithuto kwa morafeng ka go buisa diphuthego tsa kgotla.
Rre Kakambi a re o kgatlhanong le gore magodu a leruo a atlholelwe toronko ka jaana koo ba abelana maele le dikitso tsa bogodu.
Fa a tswa la gagwe, Rre Edgar Moyo a re go tlhoka go tshwaya leruo mo go tlwaelesegileng thata mo kgaolong eo go rotloetsa bogodu.
O kopile morui mongwe le mongwe go nna le tshipi ya gagwe go itsa go e kopanela mo go ka rotloetsang go utswelana.
Ntswa Rre Moyo a lebogetse bokopano joo, o ne a ngongorega ka boralophalo le badiri ba khansele ya Chobe ba ba sa iponatseng.
A re mapodisi le morafe ka nosi ba ka seke ba fedisa bogodu jwa leruo ba le bosi.
E rile a amogela batsena dithuto, Kgosi David Ntsosang a leboga sepodisi sa Kachikau go rulaganya thuto-puisanyo eo e a rileng ke ya ntlha mo kgaolong le ntswa bogodu jwa leruo bo tshwenya.
Kgosi Ntsosang a re o na le tsholofelo ya gore dithuto tsa letsatsi leo di tlaa rotloetsa batho go nna basupi mo ditshekong ka seo se ka fokotsa bogodu.
A re mo dinakong tse di fetileng bogodu jwa leruo bo ne bo utlwalelwa kwa dikgaolong di sele tsa lefatshe leno mme jaanong bo anametse kwa Chobe.
Modulasetilo wa twantsho borukutlhi, Rre Louis Chika o kopile setshaba go nna le seabe mo ditirong tsa go lwantsha borukutlhi ka jaana mapodisi ka nosi ba ka seke ba kgone.
A re mananeo a tshwana le ntebele ke go lebele a tshwanetse go dirwa le kwa merakeng gore bogodu bo seka jwa bona phatlha.
Thuto-puisanyo eo e e tsereng letsatsi, e ne e rulagantswe ke sepodisi sa Kachikau go tla go buisana le go abelana maele le barui, barekisi ba nama, bogosi le maloko a twantsho borukutlhi gore bogodu jwa leruo bo ka lwantshiwa jang mo kgaolong.
E ne gape e ruta batsena dituto ka melao e e laolang leruo jaaka wa matimela, go kwadisiwa ga tshipi ya leruo jalo jalo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keamogetse Letsholo
Location : KASANE
Event : thuto-puisanyo
Date : 10 Oct 2019