Ba Hukuntsi ba akgola Mme Masisi
10 Oct 2019
Banni ba Hukuntsi ba akgoletse mohumagadi wa ga Tautona Mme Neo Masisi go bo a eteletse pele ntwa kgatlhanong le mogare wa HIV.
E rile a bua kwa phuthegong ya boeteledipele jwa motse e e neng e buisiwa ke Mme Masisi mabapi le kanamo ya mogare wa HIV mo bananeng ka
Laboraro, Kgosi Merapelo Tshweneyagae a supa fa ba itumeletse therisanyo eo ka e bile e akaretsa ba-na-le seabe ka go farologana.
A re seo se supa fa mohumagadi wa ga Tautona a lemoga seabe sa baeteledipele ba morafe mo dikgannyeng tse di amang setshaba.
Kgosi Tshweneyagae o ne a re go tlhoka tsebe ga bana go a tshwenya, ka jalo go tlhokafafala gore dikgang tsa mofuta oo di tshwaraganelwe.
Ba tlhalositse fa ba na le tumelo ya gore maduo a letsholo la gagwe a tlaa bonala ka jaana a itebagantse le ditlhopha tsa morafe tse di farologanyeng di akaretsa bana ba dikole, batsadi gammogo le banana ba ba sa tseneng sekole.
Mopalamente wa pele, Rre Lesedi Mothibamele o ne a lebogela gore Mme Masisi o buisanya le bana ba dikole ka jaana kgang ya bana ba ba tlogelang sekole e tswa kgakala e tshwenya mo kgaolong ya bone, bogolo jang ba metse e e kgakala le ditlamelo.
A re dikgang tsa mofuta o, di tlhoka gore batho botlhe ba tsee karolo ba di lwantshe gore seemo se boele mo taolong.
Rre Mothibamele o ne a kopa batsadi gore ba eme ka dinao ba tlhoafalele go kgalemelela bana go tlogela sekole ba ineelela banna ba batona.
A re mokgwa o, o senyetsa bana bokamoso ntswa e le bone bokamoso jwa lefatshe leno.
Rre Mothibamele a re gore go nne le phenyo mo ntweng kgatlhanong le mogare wa HIV, go tlhakafala gore dikgang di papamadiwe, e seng go potologwa mafoko jaaka ba ne ba dira bogologolo.
E rile a tswa la gagwe, Mme Talitha Monnakgotla a kopa batsadi, bogolo jang bomme go tshwaraganela dikgang tsa kgalemo ya bana ka go tlhama mekgatlho.
A re mekgatlho e ka ba thusa go buisanya mo go tseneletseng ka dikgang tse di amang bana le botlhoka tsebe, go akarediwa tlhakanelo dikobo.
Mma Monnakgotla a re ka bomme e le bone ba agang setshaba, go botlhokwa gore ba tshwaragane le barutabana ka mekgatlho eo go thusanya kgodiso ya bana.
Mo godimo ga moo, Mme Monnakgotla o ne gape a kopa batsadi go godisetsa bana mo tumelong gore ba itse tsela e e molemo mme ba itse go ikgapha.
E rile a ba kgwa dikgaba, Mme Masisi a supa fa go le botlhokwa go tshwaraganela kgodiso ya bana.
A re puso e le nosi ga e kake ya kgona, ka jalo go botlhokwa gore ba busetse serodumo sa malwapa gore batsadi ka go farologana ba dire seabe sa bone.
O ne gape a ba kopa gore ba busetse mowa wa boithaopo gore dikgang tsa kanamo ya mogare mo bananeng di emelwe ka dinao di tshwaraganetswe.
O ba rotloeditse go dirisa dikitso le boitseanape jwa bone jo bo farologanyeng go busetsa bana mo taolong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : HUKUNTSI
Event : phuthego ya boeteledipele jwa motse
Date : 10 Oct 2019