Breaking News

Barolong ba rotloediwa go kwala le go tlotla ngwao

09 Oct 2019

Barolong ba kopilwe go ikgakolegelwa le go tshegetsa kitso ya ditso tsa bone.

E rile a ribolola semmuso setshwantsho sa sereto sa bone sa Tholo kwa kgotleng ya Good Hope bosheng, motshwarelela bogosi jwa Barolong, Kgosi Botiki Motshegare a tlhalosa fa kitso e tlhoka go somarelwa.

O kaile fa a sa jesiwe diwelang ke gore bangwe ba sotla dikitso dingwe tsa ngwao ba re ke boloi.

Kgosi Motshegare o tlhalositse fa bogologolo babina tholo ba ne ba ikgantsha ka maranyane a setso a aneng a thusa, a kaya fa le bongaka jwa bogologolo bone bo tlotlwa, a a fa sekai ka go dirwa thobega.

O kaile fa ngwao e phuagantswe ebile e kgobiwa ka dipuo, fa batho basweu ba somaretse dingwao tsa bone, ka go di kwala, tse di bosula le tse di molemo.

Lebutswapele go tswa mo Borolong, Mme Ethel Tsotetsi ene o tlhalositse fa ditso di kaya gore Barolong fa ba ne ba ntse ba kgarakgatshega lefatshe lotlhe, ba ne ba goroga kwa lefelong le go neng go le leuba teng.

Mme erile ba tlwelwa ke go itlhoboga, ba setse ba le gaufi le go swa ke lenyora, ba bona motlhapi wa ditholo, mme ba o sala morago go fitlhela ba tsena fa metsi a leng teng.

O tlhalositse gore ka boitumelo, fa ba sena go nwa metsi, ba dumelana gore go simolola lone letsatsi leo, ba tlaa bina tholo le tshipi.

A re ditso di supa gore kgosi ya ntlha e e neng e bitswa Morolong e ne e betla dilepe le didirisiwa tse dingwe a dirisa tshipi, ka jalo ba bitswa babina tshipi le tholo.

Mme Tsotetsi o tlhalositse gape gore kgaolo e biditswe Barolong Farms, bogologolo tala, ka dingwaga tsa bo 1871.

A re ko moragonyana pele ga boipuso, batsadi ba bone ba ne ba nna kwa Mafeking kwa e neng e le legae, mme Barolong Farms e ne e le masimo le meraka.

O kaile fa dipolase di ne di le masome a mane le bobedi, a re ka nako eo, Kgosi Montshioa o ne a abetse dikgosana dipolase tse ba tshwanetseng gore ba di dise.

A re metse ee akaretsang Good Hope e ne e le polase e e neng e neetswe nngwe ya dikgosana.

Mme Tsotetsi o kaile fa dikgosi di le dintsi tsa Barolong di fitlhetswe kwa Mafikeng, mme a supa fa kgosi ya ntlha go fitlhelwa mo Botswana e ne e le Kgosi Besele II ka gore jaanong ke fa Botswana a setse a ipusa.

O supile fa Kgosi Besele wa bobedi, yo e leng rraagwe Kgosi Letlaamoremg II, a beilwe ka ngwaga wa 1971.

A re Barolong ke morafe o o itsegeng thata ka temo.

Mme Tsotetsi o ne a dumalana le kgosi gore ditso tse di kwalwe, gore batho ba itse ka morafe o. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : GOODHOPE

Event : phuthego ya kgotla

Date : 09 Oct 2019