Breaking News

Letlhakeng o humile ditswa-mmung

09 Oct 2019

Tona wa Ditswa-mmung, Boranyane jwa Pabalelo Tikologo le Tlhomamiso tsa Kgotetso, Rre Eric Molale, a re kgaolo potlana ya Letlhakeng e humile ditswammung tse di ka tlhabololang kgaolo.

O buile se kwa phuthegong ya kgotla kwa Letlhakeng ka Mosupologo.

A re kgaolo e na le kalaka le mmopa,  ka jalo puso e file dikhamphane dingwe diteseletso tsa go potiela go bona selekanyo sa ditswammung tseo.

O tladitse ka gore go na le magala a mantsi aa nang le gase e e bitswang coal methane gas.

Rre Molale o ne a supa fa ditswammung tse dingwe di ise di rurifadiwe ka jaana bangwe ba santse ba le mo ditshekatshekong.

O ne a bolelela banni ba Letlhakeng fa sengwe le sengwe se dirwa ka therisanyo.

A re katlego ya ba ba hilweng diteseletso tsa go tlhodumela gore ditswammung tseo di kae e ka thusa go dira ditiro.

Tona Molale o ne a supa fa go bonywe gase ya coal methane ntlheng ya Sojwe le Kodibeleng mme khamphane nngwe e hilwe teseletso ya go epa gase eo.

A re kalaka e ntsi fela thata mo kgaolong ya Letlhakeng mme tiriso ya yone e kwa Morupule power station kwa e ka rekisiwang teng mme o hile ba ofisi ya gagwe seelo sa gore ba batlisitse gore go ka tsaya lebaka le le kae gore e rekisiwe kwa Morupule.

Rre Molale o ne gape a supa fa molora wa magala o o bitswang flyash o ka dirisiwa go dira samente mme moo e tla bo e le tsela nngwe ya go tlhama ditiro mo lefatsheng leno.

A re khamphane ya Bedrock Resources e hilwe teseletso ya go dira moepo wa mmopa o o ka dirisiwang go dira samente le tse dingwe.

Tona a re fa dikhamphane tseo di ka dira ka tlhwaafalo, di ka thusa gore ditswammung tsa Botswana di rekwe mme gape di thuse go nonotsha dikgwebo tsa Batswana le itsholelo ya metse eo le ya Botswana.

Rre Molale o ne a gakolola morafe wa Letlhakeng gore ka ba na le metsi a mantsi mo ntlheng ya kgaolo ya bone ba tshwanetse go a dirisa go itshetsa ka  temo-thuo.

A re e re ka monongwaga leuba le gaketse, go ne go le molemo gore balemi ba ka bo ba lemile dijwalo tsa dijo tsa leruo jaaka Lucerne le Lab lab.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Letlhakeng, Mme Emily Kasemang, o ne a supa fa ba itumeletse phatlalatso ya motlakase kwa motseng wa bone mme go na le tiego ya go dira tiro eo le mororo e sa bolo go simolola.

A re matlo a bone a komiti ya ditlhabololo ga a na motlakase ka go le turu go a gokela motlakase.

Mme Kasemang, a re motse wa bone o mo lehumeng, mme ba ne ba ka lwa le lone fa ditswammung tse ba di utlwaletseng kwa kgaolong ya bone di ne di ka simolola go epiwa gore ba tle ba bone ditiro.

Tona Molale o ne a supa fa katoloso ya motlakase e nnile le tiego ka jaana go ne go sena dipale tsa motlakase go tswa Afrika Borwa.

A re le fa go ntse jalo, khamphane e e hiretsweng tiro eo e tlaa tsweledisa tiro mo nakong e e sa fediseng pelo.

Rre Molale a re puso e itlamile gore ngwaga le ngwaga e tlaa atolosa motlakase mo metseng e feta masome a mane.

A re khamphane ya motlakase ya Botswana Power Corporation e tshwanetse go thusa Batswana ka o ba gokelela motlakase ka bofefo ka o le botlhokwa mo matshelong a bone.

Tona o ne a solofetsa go thusa komiti ya ditlhabololo go bona gore  matlo a bone a gokelelwa motlakase.

O ne a tswelela a tlhalosa fa e le boikarabelo jwa lephata la gagwe go rurifatsa gore le tswelela ka go tla ka methale e mengwe ya kgotetso ka jaana Botswana a segofaditswe ka marang a letsatsi a mantsi a a dirisiwang go dira lesedi mo malwapeng.

Rre Molale o ne a supa motshine wa marang a letsatsi o o ka dirisiwang go tshuba mo malwapeng, masimo le kwa morakeng tota.

O ne a boa a supa gape motshine o o bitswang ready box, o Motswana a ka o dirisang go gokela motlakase ntle le go thuba lebota go tsenya megala ya motlakase.

Tona a re ready box e diretswe matlo a mannye jaaka a kamore tse pedi bogolo jang ka Batswana o fitlhela ba sena madi a go hira mmereki yo o tsenyang megala ya motlakase.

A re ka se ke go direla Motswana tiro motlhofo ka e kgona go tsenya setsidifatsi, mogala wa letheka, le tse dingwe tse di mosola mo lwapeng.

O ne a tlatsa ka gore motshine oo o dirwa ke banana ba le babedi mme ba dumelane le lephata go dira e mengwe gape.

Mp kamogelong baeng Kgosi Itsoseng Gaoonwe o ne a tlhalosa fa ba le mo leubeng mme ka pula e nnile boutsana monongwaga.

O ne a kopa Tona Molale go tlhalosa ka ditswa-mmung tse ba di utlwalelang mo kgaolong ya bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego ko kgotleng

Date : 09 Oct 2019