Breaking News

Bontlhopheng ba itlama go emela Tlokweng ka dinao

08 Oct 2019

Bontlhopheng ba bopalamente kwa Tlokweng ba solofeditse gore kgang ya lefatshe kwa kgaolong eo ke nngwe ya tse ba di ipeileng pele.

Rre Christopher Bogatsu wa Alliance for Progressives (AP), Rre Thulaganyo Segokgo wa Botswana Democratic Party (BDP) le Rre Kenneth Segokgo wa Umbrella for Democratic

Change (UDC) ba buile jalo ka Mosupologo mo thulaganyong ya Seromamowa sa Botswana ya go ipapaletsa ditlhopho tse di tla tshwarwang kwedi eno ele masome a mabedi le boraro.

Rre Bogatsu o supile fa a ikaegile ka matshego a le mararo e bong go direla sengwe le sengwe mo pontsheng le go dira gore makalana a twantsho borukutlhi le a mangwe aa sekasekang tsamaiso a ikemele ka nosi.

Rre Bogatsu o supile gape fa a tlaa itebaganya le tsa botsogo, thuto le pabalesego ya bana.

A re ga go jese monate go bona bana ba bannye ba ya dikoleng phakela thata go sena dipone tsa mo mokgwatlheng.

Rre Bogatsu are fa phathi ya gagwe e ka fiwa sebaka sa go busa, e itlama go tsenya dipone mo mebileng le go dira ofisinyana ya sepodisi gore mapodisi a kgone go bonala.

O supile fa lefatshe le le botlhokwa e bile lee fa motho seriti.

A re phathi ya gagwe e itlama go netefatsa gore Motswana mongwe le mongwe o nna le lefatshe le ka lone a ka kgonang go bona bonno kgotsa kgwebo.

Rre Segokgo wa BDP o kopile Batswana go lebelela se Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a se dirileng fa a sale a nna mo setilong.

“Diphetogo le ditlhabololo tse a tsileng ka tsone ke sekao sa gore BDP e santse e ka direla Batswana go le gontsi,” a tlatsa jalo. 

O ne a supa gape fa a itlama go bereka le Tautona Masisi go lwantsha tshwenyetso setshaba ka go supegile gore itsholelo ya lefatshe e ka phutlhama fa go sa dirwe sepe.

Rre Segokgo o kopile Batlokwa go mo tshepha mo maikaelelong a gagwe a go tlhabolola Batlokwa le lefatshe mme are o tlaa dira se le makhanselara a phathi ya gagwe.

O ne a itlama go itebaganya le ditsela, dikago le go fefosa kabo ya lefatshe.

“Tautona Masisi o setse a dirile gore ditsetlana tsa tiriso ya lefatshe di tokafadiwe gore di seka tsa kgoreletsa batho.”

A re o tlaa bereka le banana a ba thusa go nwa moro mananeo a puso le go ba ruta gore kgwebo e dirwa jang.

Rre Segokgo o supile fa a tsile go dira gotlhe gore Tlokweng e agelwe sepatela.

Rre Kenneth Segokgo wa UDC a re ene o eletsa go tsisa diphetogo mo matshelong a Batswana, fela jaaka bukana ya bone ya maitlamo e tlhalosa.

O tlhalositse fa phathi ya gagwe e itebagantse le dikgwetlho tsa Batswana e bile a solofetsa gore ba tla sekaseka molao wa pereko. 

A re UDC e tlaa okeletsa bagodi madi go ya kwa go P1 500 gore ba kgone go itshetsa.

O supile fa ba tlaa fetola thuto ka go tlhomamisa gore bana ba simolola go rutwa kwa dikoleng ka tiriso ya maranyane a dikhomputara. 

A re keletso ya gagwe ke go fiwa sebaka sa go ya go emela Batlokwa kwa palamenteng gore a tle a kgone go fefosa phetolo ya tiriso ya lefatshe mo mafelong mangwe a Tlokweng.

“Puso ya UDC e itlamile go dira ditiro di le 100 000 mme ke eletsa gore bontlha bongwe jwa tsone di nne mo Tlokweng.”

A re toropo ya Gaborone e feletswe ke lefatshe mme selo se e ka nna sebaka sa kgaolo ya gagwe go dirisa lefatshe go tlhama dikgwebo le mebereko.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Omphile Ntakhwana

Location : Tlokweng

Event : thulaganyo ya Seromamowa sa Botswana ya go ipapaletsa ditlhopho

Date : 08 Oct 2019