Tsogwane o abela banni diterekere
08 Oct 2019
Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane, o abetse banni ba kgaolo ya Boteti Bophirima diterekere tse pedi le didirisiwa tsa tsone.
Rre Tsogwane a re o lemogile fa balemi ba kgaolo ya gagwe ba tlhaelelwa ke didirisiwa tsa temo.
A re le ntswa go sa lekana, o solofela fa di terekere tse di tlaa fokotsa letlhoko la bone.
O tlhalositse fa bangwe ba ne ba lema morago ka lebaka la go tlhaela ga didirisiwa.
A re le ntswa Batswana ba lekile go reka diterekere, ga go a lekana ka ebile dingwe tsa tsone di tlhaelelwa ke didirisiwa tsa segompieno.
Rre Tsogwane a re o tlhamile lekalana la Tshomarelo Development Trust le a reng le tlaa tsamaisa diterekere tseo ka maikaelelo a go tlhabolola temo le go ntsha dijo.
A re diterekere tse di tlaa bo di bereka kgaolo yotlhe, a tlhalosa gore e nngwe e tlaa ya ntlheng ya bophirima fa nngwe e leba botlhaba.
A re o ne a kopa dithuso kwa ofising ya boemedi jwa lefatshe la China, mme ba sekegela tsebe kopo ya gagwe.
Rre Tsogwane a re puso e tsweletse ka go tlhabolola lenaneo la ISPAAD gore Batswana ba lemele go ntsha dijo.
O ne gape a rotloetsa batho go adima madi kwa dibankeng le CEDA gore ba kgone go reka didirisiwa tsa temo ka theko ya teng e sa tsenngwe lekgetho.
O tlhalositse fa diterekere tse a di abileng e se tsa puso ebile di sena madi a a di tsamaisang, ka jalo go le mo maruding a morafe le ba ba tlhophilweng go tsamaisa Tshomarelo Development Trust.
O boleletse banni ba Boteti gore puso e beile seemo sa ditlou leitlho, maikaelelo e le go di ntsha gaufi le batho, a re se se tlaa dira gore ba leme ka tshosologo.
O ne gape a kopa bogosi le komiti ya ditlhabololo go tlhokomela didirisiwa tse a ba di ba abetseng.
Mo go tse dingwe, Rre Tsogwane o ne a akgolela banni ba Xhumo go dira masimo a morafe ebile ba a ageletse le go a tsenya motlakase.
Mokhanselara wa pele wa Tsienyane Bophirima, Mme Batoli Manyuni, o ne a lebogela Rre Tsogwane se a se dirileng, a re o dumela fa diterekere tseo di tlaa fokotsa selelo sa tlhaelo ya didirisiwa tsa temo.
Mme Manyuni a re o solofela fa di tlaa dirisiwa sentle go thusa kgaolo ya Boteti Bophirima.
Kgosi wa Moreomaoto, Kgosi Michael Masheto, le ene o ne a lebogela Rre Tsogwane go bo a arabile selelo sa kgaolo ya gagwe sa letlhoko la didirisiwa tsa temo.
A re o solofela fa diririsiwa di tlaa dirisiwa sentle ebile batho ba tlaa thusiwa ka go lekalekana go sena dikgogakgogano.
Modulasitilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Onobo Othusitse, a re di makgotla a merafe le dikoporase di botlhokwa ka gore di tlhabolola metse le kgaolo e bile batho ba kgona go roba sengwe mo go tsone.
Modulasitilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Xhumo, Rre Lawrence Nkisang, a re didirisiwa tse di tlaa ba thusa thata ka jaana ba na le tshimo ya morafe ya di ekere di le masome a robabongwe le bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : RAKOPS
Event : kabo ya diterekere
Date : 08 Oct 2019