Komiti e rotloediwa go tsamaisa liki ka manontlhotlho
07 Oct 2019
Mothusa kgosi kwa Letlhakane, Kgosi Tikologo Supang, o rotloeditse komiti ya liki ya kgwele ya dinao ya Boteti division one go tsamaisa liki eo sentle ka e ka bulela banana ditsela.
Kgosi Supang o buile jalo kwa tshimolodisong ya metshameko ya liki eo kwa Letlhakane bosheng.
A re tshwaragano le neelano di botlhokwa ka e leng tsone di ka tlhotlheletsang maikaelelo a bone.
Komphane ya Lucara Botswana e rotloeditse liki eo ka P500 000 mo dingwageng tse pedi.
Kgosi Supang o ne a akgola komiti e go bo e eme ka dinao go tsosolosa motshameko wa kgwele ya dinao kwa kgaolong ya Boteti
Kgosi a re ba tshwenngwa ke botlhoka tsebe jwa banana ka jalo a kopa gore fa ba aga ditlhopha tsa kgwele ya dinao ba sekasekele banana ba ba feditseng dikolo mme ba sa dire sepe.
A re metshameko e botlhokwa ka e ntsha banana mo mebileng gape ba ka kgona go itshetsa ka yone le go betla bokamoso.
Kgosi Supang o ne a ba rotloetsa gore fa ba na le bana ba leke go ba aga le go ba lemotsha mekgwa ee siameng ya botshelo
A re metshameko e aga botsalano e bile e rotloetsa itshidilo mmele.
O bile a ba kgotlhatsa gore ba ikopanye le batsadi ba bana ba ba mo ditlhopheng tsa bone gore ba kgone go rotloetsa bana go tsaya metshameko ka tlhwaafalo.
Kgosi Supang o kgothaditse komiti go okela batshameki ba pele le barati ba kgwele ya dinao kwa mabaleng le go bontsha banana botsipa jwa kgwele ya dinao.
Modulasetilo wa komiti ya Boteti Division 1, Rre Philemon Bunu, a re ba lesego ka jaana, mo dikgaolong tse lesome le bosupa tsa liki eo, ke bone fela ba boneng thotloetso ya madi aa kana.
Rre Bunu a re mo ditlhopheng tsa bone di lesome le bobedi, se le sengwe se tswa Rakops, tse pedi tsa Orapa le di lesupa tsa Letlhakane .
A re Lucara Botswana e file ditlhopha kapari tse pedi .
O ne gape a re go apesitswe komiti diterekesutu tse pedi , sekipa le diteki, a tswelela a re go apesitswe batsamaisi ba metshameko ba le lesome le bobedi ka kapari tse pedi.
Rre Bunu a re batsamaisi ba metshameko ba atswiwa ka P100 motshameko mongwe le mongwe gape ba fiwa sepalamo
Liki e e ne ya semolodisiwa ka motshameko wa setlhopha sa Diamond Chiefs sa Letlhakane le Field Masters go tswa kwa Orapa. Field Masters e fentse ka dino tse pedi go lefela 2-0. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Letlhakane
Event : Tshimolodiso ya liki
Date : 07 Oct 2019