Tona wa itshireletso o tshwenngwa ke borukutlhi
07 Oct 2019
Tona wa lephata la Itshireletso, Molao le Thokgamo, Rre Shaw kgathi, o kopile banni ba Gumare go tshwaragana le mapodisi go lwantsha borukutlhi.
Tona o kopile jalo kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Tautona Dr Mokgweetsi Masisi kwa Gumare bosheng.
A re borukutlhi jwa go thubetsa, polao, go gomagometsa go bolaya, titeo, tiriso ya diritibatsi le bogodu jwa leruo bo tshwenya thata kwa kgaolong ya bone.
Rre Kgathi o ne a tlhalosa fa mo ngwageng wa 2017, ba ne ba kwadisa dikgang tsa go thubetsa di le lesome le boherabongwe mme ngogola ba kwadisitse di le lesome le bobedi fa monongwaga ba setse ba gatisitse di robabobedi.
O gakolotse ba ba dirang molato oo go emisa ka jaana e se setho e bile e le tiro e e kgathanong le molao wa Modimo.
Rre Kgathi a re borre ba tshwanetse go ithuta go ipuelela le bomme ka jaana Modimo a ba file melomo go na le go dirisa bomme ka dikgoka, a tlatsa ka gore fa bomme ba sa dumalane le kopo ya bone ba tshwanetse go itlhoboga.
Le fa go ntse jalo, o boletse fa puso e gagamaditse setoropo ka go baakanya molao.
Rre Kgathi o boletse gape fa lephata le tshwenngwa gape ke dikgang tse di golelang pele tsa go dirisa botlhaswa bana ba dingwaga tse di kwa tlase mo go tsa tlhakanelo dikobo.
Tona o ne a gwetlha batsadi go emisa go tsaya dimpho mo baneng ba bone, a tlatsa ka gore go botlhokwa gore ba botse bana kwa ba tsayang dimpho tseo teng go na le go di itumelela.
O boletse gape fa dikgang tsa dipolaano le tsone di gola.
Mo dikgannyeng tsa bogodu jwa leruo, Rre Kgathi o boletse fa letsholo la Kgomokhumo le thusa go laola seemo.
A re ka ngwaga wa 2017, ba ne ba kwadisa dikgang di le lesome le boferabongwe, mme ngogola tsa fokotsega go nna boferabobedi mme monongwag seemo se bifetse pele ka jaana di le masome a mabedi.
A re molao le one baakantswe gore modira molato a atlholwe dingwaga di le lesome le bobedi mo kgolegelong fa e le lantlha a tshwarwa a tlatsa ka gore pele modira molato o ne atlholwa dingwaga di le tlhano fela.
A re la bobedi kotlhaoo e tlaa okediwa go nna lesome le botlhano.
Rre Kgathi o ikuetse mo go beng ba marekisetso a nama go emisa go reka leruo la bogodu ka jaana molao o letla gore kgotla tshekelo e ka gapa teseletso ya ope yo o amegang mo bogodung.
Banni ba ne ba itsisitwe fa puso e dira maiteko go bula ofisi potlana ya sepodisi kwa Tsau.
Tona a re ba setse ba kgonne go dira tsotlhe tse di maleba mme konteraka e tlaa simolola tiro mo nakong e e sa fediseng pelo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : Gumare
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 07 Oct 2019