Kamogano kitso e botlhokwa
07 Oct 2019
Tona wa Peeletso, Papadi le Madirelo, Mme Bogolo Kenewendo, a re go botlhokwa gore bagwebi ba amogane kitso le go tsaya malebela mo go ba bangwe.
Tona Kenewendo o buile jalo kwa moletlong wa Market Street/Metlhala ya Khumo Hybrid kwa Letlhakane bosheng.
A re ditshupo tse di simolotse ngwaga o o fetileng, maikaelelo a tsone e le go godisa dikgwebo le go kopanya bagwebi.
A re ba leka gape go bapatsa dithoto tsa Batswana, mme a kgothatsa bagwebi gore ba tlogele lefufa, mme ba reke dithoto tsa ba bangwe.
Tona o ne a rotloetsa bagwebi go bereka ka thata gore ba godise dikgwebo tsa bone le go ntsha dithoto tse dintsi gape di na le boleng.
Mme Kenewendo a re o dumela gore lenaneo le le tla tsisa diphetogo mo mohameng wa kgwebo, mme go nne le ditiro le go dira dithoto tse ditla lekanang lefatshe leno le a mangwe.
A re kgaolo ya Boteti e na le mmaraka ka e na le ditswammung, ditsatlholego le bojanala.
A re kgaolo ya Boteti e tshwanetse go bereka thata mo go tsa bojanala jaaka dikgaolo tsa North West le Chobe, ka ba na le ditsatlholego tse di tshwanang le tsa bone.
A re ba tlaa rotloetsa dikgwebo tse di potlana gore di ntshe dithoto tse dintsi tse di ka lekanang go jesa lefatshe leno, a tlatsa ka gore lephata le tlaa netefatsa gore dithoto tseo di bona mmaraka.
Mme Kenewendo a re puso e dumelane le dikgwebo tse ditona gore di reke dithoto tsa Batswana, a re se se tlaa rotloetsa kgolo ya dikgwebo tse di potlana le ya itsholelo ya lefatshe.
Mothusa kgosi kwa Letlhakane, Kgosi Ewetsemang Rethatoleng o ne a kopa banni go tsaa malebela mo bagwebing ba bangwe.
Kgosi a re mongwe le mongwe o batla khumo, mme a ba gakolola go latela metlhala ya khumo ba bo ba itirela dijo.
Mokwaledi wa khansele potlana ya Boteti, Rre Milton Keitshokilwe a re go botlhokwa gore bagwebi ba dirise sebaka se go anya kitso ka go tlhabolola le go godisa dikgwebo tsa bone .
Rre Keitshokile o ne a kgothatsa banni ba Boteti go tsaya dikgakololo tsa kgwebo, mme ba sale metlhala ya khumo morago
A re kgaolo ya Boteti e na le letlhoko la ditiro le le kwa godimo, mme fa dikgwebo di ka gola bangwe ba simolola dikgwebo dika fokotsa letlhoko le. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Letlhakane
Event : Moletlo
Date : 07 Oct 2019