Itshidilo ke yone tsela
07 Oct 2019
Mooki, Mme Bojale Mafusi, a re bomme ba tshabelelwa ke go kotlomela maikutlo ka ntata ya dikgang tse di amang borre kgotsa bana.
O buile se kwa bokopanong jwa bomme ba dikereke tsa semowa kwa Kanye bosheng.
Mme Mafusi a re mo tumelong ya sekeresete, motho o na le dikarolo di le pedi ebong mowa le nama.
A re ba botsogo ba lemogile fa go na le malwetse a a feditseng batho a tshwana le go kotlomela ga maikutlo, mme a re bontsi jwa malwetse bo dirwa ke ka fa motho a tshelang ka teng.
A re bontsi jwa nako batho ba a ja ba bo ba nna fa fatshe a re mme go botlhokwa gore motho a itshidile mmele o bile a re go le gantsi fa go buiwa ka itshidilo batho ba akanya itshidilo e e duelelwa ntswa motho a ka itshidila mo lapeng.
Mme Mafusi a re bogologolo bomme ba ne ba itshidila ka go feela mo lwapeng,go tlhoba le go thuga.
A re bomme ba ne ba itshidila mmele mme ba sa lemoge, a tlatsa ka gore fa motho a a ja a bo a sa itshidile mafura a a kokotlesegela.
A re go tlhoka go itshidila go ka baka malwetsi jaaka jwa madi a matona le sukiri a bo a re fa motho a bona mmele wa gagwe o kgona go mo imela o tshwanetse go lemoga fa jaanong a na le bothata.
O tlhagisitse maloko a dikereke tsa semowa go tila go tsenwa ke bolwetse jwa kgotlholo e tona ka go bula mafetlha phefo ka nako ya bokopano.
Mme Mafusi o bile a kopa baporofiti go sisela mowa a re nako tse dingwe seporofito se kgona go utlwisa motho botlhoko mo a kgonang go felela a tlogetse kereke.
Fa a tswa la gagwe, Mme Molly Malongwa, ene o ne a kopa batho ba dikereke tsa semowa go itsaya tsia a re bangwe ba bone ba diga seriti sa tsone ka ditiro tse di duleng mo tseleng.
Mme Malongwa o kopile bomme go nna le seabe mo kerekeng, a bo a re go batla nako nngwe bomme ba dikereke tsa semowa ba kokoane golo gongwe gore ba tle go fana maele a go direla kereke.
A re e ne o rata motho go na le dikhumo tsa lefatshe ka gore dikhumo di ka nna teng mme fa motho a seyo ga di kake tsa thusa sepe.
Mme Malongwa a re ga gona monna ope yo a tleng a atlege kwa ntle ga mosadi.
A re mokeresete o tshwanetse go bonwa ka ditiro.
Mme Malongwa a re mokgabo wa mme wa mokeresete ke lerato e seng letsela a ba a gatelela gore motho le fa a ka nna setswerere sa dilo tsotlhe mo kerekeng jaaka go rera le go opela fela fa a sena lerato ke lefela.
O ne a rotloetsa bomme go rapela fa ba na le mathata ka jaana thapelo e sa palelwe ke sepe, a bo a re ba ikanye Baebele a re ke yone e ka ba agang. O kopile bomme gore ba ne ba kopana gangwe le gape batla go rutana lefoko la Modimo bogolo gararo mo ngwageng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : KANYE
Event : Bokopano jwa bomme ba dikereke tsa semowa
Date : 07 Oct 2019