Breaking News

Dikereke di kopilwe go rapela thata

06 Oct 2019

Modulasetilo wa lekgotla la baruti kwa Moshupa, Rre Moreri Osupeng, o kgothaditse dikereke go tshwaraganela go rapelela HIVAIDS le matlhoko a mangwe a a apereng lefatshe leno.

Rre Osupeng, yo e leng moruti wa phuthego ya ga Keresete, o buile mafoko a kwa Moshupa kwa bokopanong jwa go tswalela kgwedi ya merapelo kgatlhanong le HIV/AIDS.

O kopile dikereke go rapelela seemo sa HIVAIDS, se a reng se tshwenya thata. A re dikereke di tshwanetse go bopagana go rapelela segajaja se le dikgwetlho jaaka kgokgontsho ya bana.

Rre Osupeng a re keletso ya gagwe ke go bona dikereke tsotlhe kwa Moshupa di na le kemedi mo lekgotleng la baruti, mme a kopa ba ba santseng ba saletse kwa morago kgotsa ba itlhokomolosa lekgotla leo go ema ka dinao.

Moruti Kentse Thipe wa kereke ya Life Impact Centre o kopile Batswana go rapelela HIVAIDS, ka gore fa batho ba rapela ka tlhwaafalo e bile ba na le tumelo, bolwetse jo bo tlaa fela.

Moruti Thipe a re Modimo o tlaa reetsa dithapelo mme o fodise malwetse a a apesitseng lefatshe leno, mme a kopa batsadi go lemotsha bana ba bone botlhokwa jwa thapelo le go ba ruta poifo Modimo.

A re bana ba tshwanetse go ikgapha gotlhelele mo tlhakanelong dikobo pele ga lenyalo, ka seo se sa siama mo matlhong a Modimo.

Moruti Thipe, a re batsadi bangwe ga ba kgalemele bana le fa ba bona ngwana a inaakantse le tsa marato, kgotsa a na le bakapelo ba bantsi ka ba lebile go ja fela. A re go botlhokwa go ruta ngwana go letela lenyalo, pele a ka tlhakanela dikobo.

Mme Khumoyame Ramasu, yo e leng mothusa molomaganyi wa ditirelo tsa HIVAIDS kwa Moshupa o tlhalositse gore go tswa ka kgwedi ya Moranang go tsena ka ya Seetebosigo, ba kwadisitse dipalo tse dintsi tsa malwetse a dikobo kwa kgaolong eo. Mme Ramasu a re se, se supa gore tiriso ya sekausu e kwa tlase. Mme Ramasu a re gape, mo go tsone dikgwedi tseo go nnile le dipalo tse di kwa godimo tsa boimana jwa banana a re seo ke bosupi jwa gore tiriso ya sekausu e kwa tlase.

Mabapi le tiriso ya dipilisi tse di ritibatsang mogare, a re batho mo kgaolong eo ba tsibogela lenaneo leo le ntswa bangwe ba emisa kalafi mo tseleng.

Mo letsatsing leo la go tswalela kgwedi ya merapelo, go ne ga dirwa thulaganyo ya merapelo e e faphegileng e dirwa ke baruti ba dikereke ka go farologana. Go ne ga rapelelwa puso ya Botswana, ditlhopho tse ditlang tsa setshaba, go thubega ga malwapa, mo go tse dingwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kenanao Ntsimane

Location : MOSHUPA

Event : Merapelo kgatlhanong le HIV/AIDS

Date : 06 Oct 2019